Breaking News

Batsadi ba kopiwa go gagamatsa setoropo

10 Jul 2014

Batsadi kwa Thamaga ba kgothaditswe go tswa ka methale e e botoka ya go lwantsha seemo sa ditagi jaaka motokwane le majalwa mo motseng oo ka go lebega e le tsone di rotloetsang kgolo ya borukutlhi jwa banana jo bo tshedisetsang banni mo poifong.

Seo se boletswe ke mogolwane wa sepodisi ka fa tlase ga lekalana le le itebagantseng le tiriso ya ditagi, Assistant Superintendent Osefile Mmitseng, mo phuthegong ya kgotla e morafe o supileng fa o tlhobaela mabapi le go repisa segole le go bipa mpa ka mabele ga botsadi mo dikgannyeng tsa botlhoka tsebe jo bo godileng kwa motseng oo.

Motse wa Thamaga o hupeditswe ke dikgang tsa kgolo ya botlhoka tsebe jwa banana ba ba tlhorontshang morafe, ba go kaiwang bontsi jwa bone e le baithuti ba ba ipitsang ‘Matsetsenkane le Merubisi’

Assistant Superintendent Mmitseng a re ofisi ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho tsa kgolo ya dikgang tsa tiriso ya ditagi mo go amileng dikole thata ka thotloetso ya batsadi bangwe ba ba rekisetsang bana le go roma bangwe ba bone go rekisa mo dikoleng.

O gwetlhile batsadi go emisa go mpampetsa diemo tseo ka go bipa mpa ka mabele e sere kwa bofelong ba iphitlhela ba godisitse dira tse di yang go felela di ba tsogologela. 

O tsweletse a ikuela mo morafeng go upolola batsadi ba ba senang boikarabelo ba ba rekisetsang bana motokwane, a re ke yone tsela e e ka thusang go lwantsha masula a.

Leloko la lekgotla la magolegwa a a ikagileng sesha, Rre Mothei Sejakgomo o ikuetse mo bananeng ka ene go itse fa borukutlhi bo sa duele ka jalo a ba kopa go ikaga go hema botshelo jwa kgolegelo jo a kaileng bo le makgwakgwa fela thata. Fela jaaka dibui tse dingwe, Rre Sejakgomo a re go sa kgalemele bosula ja bana ke go itlhaba ka thipa mpeng ka jaana ba felela ba busolosetsa mo batsading gonne ba paletswe ke go ba oba go sale gale. O tsweletse a tlhagisa batsadi go emisa mekgwa ya go amogela dithoto tse di senang motlhala go tswa mo baneng.

Moruti wa Faith Mission, Rre Jobe Koosimile o gwetlhile batsadi go itsheka-tsheka le go ipotsa tse ba sa di direng sentle mo kgodisong ya bana ba bone. Mokhanselara wa Thamaga Bokone, Rre Pabalelo Motaosane o nyaditse seipato sa gore ditshwanelo tsa bana di kgoreletsa kotlhao ya bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Jul 2014