BCP e kopa batlhophi gore ba e rome
09 Jul 2014
Moeteledipele wa lekgotla la sepolotiki la Botswana Congress, Rre Dumelang Saleshando a re bone ba dirile gotlhe mo ba ka go kgonang go tokafatsa matshelo a Batswana, jaanong go mo Batswaneng gore ba ba rome, ka go ba neela puso mo ngwageng ono wa ditlhopho.
A re ke bone ba ba dirileng gore fa Motswana a reka ntlo e le lantlha a seka a kgethisiwa lekgetho la go e fudusetsa kwa go yo mongwe (Transfer Duty Tax) le gone gore BMC e bo e kgonne go tlhotlhomisiwa jaaka go ne ga dirwa.
Rre Saleshando o buile jalo mo phuthegong ya sepolotiki e e neng e rola bontlhopheng ba kgaolo ya bopalamente le bokhanselara ja Palapye ba le lesome le bongwe ka mopalamente bosheng fa mabaleng a Kediretswe. Ar e ba tswa kgakala ba buwa ka fa go ka tokafadiwang matshelo a Batswana ka teng le go tsenya itsholelo mo diatleng tsa bone.
Rre Saleshando a re thuto ya ngwana go tswa kwa moding ke yone konokono, le yone tlhokomelo ya barutabana, tlhabololo ya madirelo a go fetlhiwa ga motlakase, tiriso ya di-tswa mmung le di-tswa-leruong tse ba neng ba supa fa di ka tlhamela Batswana ditiro mono gae.
A re bomme ba ba itsholofetseng ba tlhokafala letsatsi le letsatsi fa ba belega ka go latlhgegelwa ke madi a mantsi, mme mo mafatsheng a itsholelo ya one e leng kwa tlase ga go a nna jalo. A re botsogo ke sengwe sa dilo tse di thokang go tseelwa kwa godimo.
A re mo nakong eno mafatshe ka bontsi a thulantse ditlhogo, bo tautona ba eme ka dinao go bona se ba ka se dirang go tokafatsa matshelo a setshaba se ba se busang, ka maikaelelo a go tsenya itsholelo mo diatleng tsa batho ba mafatshe a bone.
O ne a re fa a lebelela mo lefatshing leno ga go na sepe se se dirwang go ka tokafatsa matshelo a Batswana, mme a kgala a menne phatla tshenyetso setshaba a re e dirwa ka bodipa mo lefatshing leno, a re tshenyetso setshaba ke Mpho le Mphonyana, e tshwana le mawelana a a tshotsweng a pataganye, a e kareng a kgaoganngwa a seka a tshela, a re seo ke puso le tshenyetso setshaba di gata mmogo.
Rre Saleshando a re se se dirwang ke badirelapuso ba ba thankgetseng mo tshenyetsong setshabag ga se hakgamatse, ka e le yone tsamaiso ya puso e e busang. A re mongwe le mongwe o a itirelela, a re tshenyetso setshaba e tsere phekelo e sele.
Fa a itebaganya le go tlhabolola motho ka go mo neela itsholelo a re bontsi ja mafatshe bo humisitswe ke ditswa mmung, le tse dingwe jaaka matlalo a dikgomo tsa lefatshe leno ka e le one a tlhametseng batho ba koo ditiro, ba lefatshe leno bone ba berekisiwa mo Ipelegeng, le go nna mapodise a nakwana.
A re ene le balatedi ba phathi ya BCP ba ipaakantse ba emetse fela gore Batswana ba ba neele puso, mme se ba ya go se dira fela fa ba goroga ka go fetola seemo sa thuto, twantsho tshenyetso setshaba, le go tlhama ditiro tsa sennela ruri tse di ka tlhabololang matshelo a Batswana.
A re seo se ka kgonega fela fa Batswana ba ka ba neela go busa ka o ya go etela mafatshe a ditswa mmung le matlalo a lefatshe leno di isiwang teng a ba raya a re jaanong re di busetsa mo gae go tlhamela Batswana ditiro, le gone go fetola molao ka go tsenya itsholelo mo diatleng tsa Batswana.
O ile a tsaya sebaka go rola ntlhopheng wa bopalamente Rre James Olesitse le makhanselara a gagwe a le lesome, mme a supa bopelotelele ja ga Rre Olesitse a re nako e nngwe bopelotelele bo a busetsa, a re ke nako ya gore ba Palapye ba mo rome kwa palamenteng.
A re Rre Olesitse ke mogaka wa dipolotiki yo o diretseng lefatshe leno ka botswapelo a sa ipone tsapa a itse ebile a na le tumelo gore letsatsi lengwe modimo o tlaa araba dikeletso tsa gagwe, bopelotelele, boitshoko, le tsholofelo bo ka boloka mowa wa ba ba ineetseng mo modimong gore o ba dibele.
A re seemo sa dipolotiki tsa lefatshe leno se tlhoka banna le basadi ba ba nonofileng go ka laola seemo se ise se ye masweng. O boletse gore lefathe leno le mo lebelong le mafatshe a mangwe ka keletso ya go tlhabologa, fela sebe sa phiri ke gore lone lebelo la lone ke le le le digelang kwa tlase, fa mafatshe a palamela kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego Ya Sepolotiki
Date : 09 Jul 2014