Breaking News

Talente e thusa go tlhabolola lefatshe

09 Jul 2014

Talente ke neo e motho a e filweng mme ga se mongwe le mongwe yo o kgonang go lemoga talente e a nang le yone.

Bangwe batho ba ile ba segofala ba kgona go lemoga ditalente tsa bone mme ba kgone go itshetsa ka tsone mo botshelong, fa bangwe bone ba ntse fela mo go tsone.

Go na le batho ba ba segofaditsweng ka ditalente di feta bongwe, mongwe wa batho ba e le molaodi wa Palapye Mme Veronica Rabakane, yo modimo a mo segofaditseng ka lentswe le le molotsana la kopelo, go duduetsa le go bina mmino wa Setswana.

Mo godimo ga tiro ya gagwe ya bolaodi, ga a nke a ipona tsapa go ntsha talente ya gagwe fa nako e letla bogolo jang fa mediro e tshwaretswe mo kgaolong ya gagwe ya Palapye. E rile bosheng a tlogela ba le bantsi ba akabetse ba ipotsa dipotso gore a se ba se bonang ke boammaaruri fa a ne a natifisa ka go bina mmino wa Setswana wa borankana. A ke one maduo a go supa talente. 

Mma Rabakane o simolotse go bina mmino wa Setswana a santse a le monnye a le kwa sekolong se se botlana sa Sefhare. O ile a tsweledisa ka mmino o go fitlhelela a tlhatloga le dithuto tsa gagwe a ya kwa dikolong tse di kgolwane a ntse a tshwere fela jalo.

Ka go ne go le thata mo malobeng  go ka itshetsa ka moopelo, o ile a tlhwaafalela dithuto tsa gagwe kwa mmadikolo go fitlhelela a bereka mme tota pelo e setse kwa morago go sena gore o ka reng.

Ke sone se e ya reng a bona sebaka, a kgaphisi ba le bantsi sethitho a supa bokgeleke jo a bo abetsweng. Moopelo le one go itira fela, e re ka ebile a abetswe lentswe le le monate le le molotsana le o kareng o meditse tshilo.

Ba a tle ba leke ba le bantsi go opela mme ga se mongwe le mongwe yo o filweng lentswe la go opela, bangwe ba opela ka mantswe a gwasitseng. Le fa meopelo e le mehuta, moopelo wa sekeresete ke one o o gaufi le pelo ya ga Mme Rabakane, fa o mo fa tiro ya go opela,  wa bo o mo segetse ka fa lefureng. O tlaa opela ka pelo ya gagwe yotlhe, a sa boife sepe, a sa inyatse ebile a supa lorato fa ba bangwe ba ntse ba duduetsa, motho wa modimo a a fa pina ya gagwe lorato. 

Le fa go ntse jalo ga go a felela fa ka Mme Rabakane a ikaelela gore a tsosolose talente ya gagwe bogolo jang ka puso e rotloetsa Batswana go ntsha ditalente tsa bone go godisa ngwao ya Setswana.

Ga go a gakgamatsa gore morago ga go dira ka botswerere kwa moketeng wa badirelapuso, a bo a tlhophiwa go nna mongwe wa batsaya karolo mo letsatsing la badirelapuso kwa Gaborone. Mogolokwane le one ke selo modiro, ke nngwe ya mamphemphe a ditalente tse a di abetsweng.

Go le gantsi fa batho ba dira bontle, Batswana ba supa lorato lwa bone ka go duduetsa mme fela mogolokwane ga wa fiwa mongwe le mongwe. Go na le baletsi ba one ba ba itseng go o letsa, ba ba oshaoshang go le gantsi ba ikuela fela.

Mogolokwane le one o sale a ithsupile gore ke senatla mo go one a sa le mmotlana, a ithuta mo go ba bagolwane mo go ene mme a tshwarela ruri.

Mma Rabakane a re go botlhokwa gore batho ba supe talente ya bone bogolo jang badirelapuso ka ba tsaya nako e ntsi ba dira tiro ya puso mme ba lebala go itse fa ba na le talente e e ka thusang mo tlhabololong ya lefatshe leno. A re go botlhokwa gore batho ba nosetse ditalente tsa bone gore di seka tsa nyelela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2014