Breaking News

Kago ya matlo ko Goshwe e atlegile

09 Jul 2014

E ne ya re go utlwa ka lenaneo la kadimo ya madi la go aga matlo la Turnkey, bangwe banni ba motse wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume ba ne ba seka ba ipona tsapa go ithusa ka lenaneo.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, bangwe banni ba ne ba ikopanya le ofisi ya Self Help Housing Agency (SHAA) go tlhaloganya ka lenaneo le le gone go itse mosola wa lone.

Mongwe yo o thusitsweng ka lenaneo leo, Rre Morapedi Jotia a re ka lenaneo le, o lemoga fa puso e na le maikaelelo a gore Batswana ba nne le bonno jo bo fang seriti. 

Rre Jotia o tlhalositse fa botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga morago ga gore a ikagele ntlo ya kamore tse pedi tsa borobalo, ya boitapoloso ga mmogo le ya boiteketso e e botoka ka tsone dithuso tsa lenaneo le. 

A re pele ntlo e e agwiwa, botshelo mo lwapeng la gagwe bo ne bo le bokete ka jaana o ne a tlhatlhagana fela le bana golo go le gongwe.

O boletse gore ka nako ya Dipula, o ne a tswenwa ke bohutsana jo bo feteletseng ka a ne a sa farologane gope le le nonyane mo sentlhageng. 

Rre Jotia a re ka lenaneo le, o ne a thuswa ka didirisiwa di akaretsa, ditena, semente, dipolanka, mabati, le tse dingwe ka go farologana, mme gape o ne a thuswa ka go duelelwa moagi.

Yo mongwe yo o akotseng lenaneo leno, Mme Thapelo Nfila a re se se mo itumedisang ka lone ke gore madi a kadimo o a duela a wetse dibete e bile o duela madi a a santsheng mokola. 

A re ka kgwedi o duela lekgolo le masome a robabobedi le bosupa a dipula mo lobakeng lwa dingwaga tse di masome a mabedi, mme a tlatsa ka gore madi a duelwa fela ntle le morokotso ope. 

Mme Nfila a re Batswana ba tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa mananeo a tshwana a, ba seka ba nna ditlhong go ithusa ka lenaneo ka jaana go tshwana fela le motho a adimile madi kwa bankrng go aga mme a dire thulaganyo ga go a busa.

Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo wa khansele potlana ya Tutume Rre Lawrence Madzinyane a re maikaelelo magolo a lenaneo le ke go thusa Batswana ba dituelo tse di kwa tlase ga dikete tse tharo go itirela bonno jo bo babalesegileng. 

A re moikopedi o thuswa ka didirisiwa tse di tlhokegang mo kagong a bo a duelelwa moagi mme a re mo ngwageng tse tlhano tse di fitileng, baikopedi ba le makgolo a le mabedi le masome a robabobedi le borataro ba filwe dithuso tsa lenaneo le.

Rre Madzinyane a re khansele e dirile tumalano le baikopedi gore ba ka busa madi a kadimo ka go duela kwa bankeng, kana madi a a ka gogiwa mo dituelong tsa bone kgotsa ba ka tla go duela kwa khanseleng.

Le fa go ntse jalo, Rre Madzinyane o supile fa bangwe ba ba thusitsweng ba tlhanogetse tumalano e ka jaana ba itlhokomolositse go duela. 

A re go botlhokwa gore baikopedi ba buse madi a gore maikaelelo a lenaneo a atlege, gape bangwe Batswana ba ba nang le keletso ya lenaneo ba kgone go bona dithuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2014