Breaking News

Rammidi o leboga ba Kgomokasitwa

10 Jul 2014

Palamente e tla a phatlaladiwa ka Phatwe gore bo ntlhopheng ba ye go itlhokoletsa ditlhopho tsa setshaba.

Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Kgomokasitwa ka Labobedi (08/07/2014)fa a isa malebogo mo banning ba koo go nna le tirisano mmogo le ene mo dingwageng tse tlhano tse e neng ele mopalamente wa bone. 

Rre Rammidi a re o kgonne dilo dingwe tse ba neng ba di mo romile mme dingwe di padile.

O boletse gore tse a di kgonneng di akaretsa  go tlhotlhomisiwa ga madubadube a a neng a aparetse go phutlhama ga matlhabelo a Botswana Meat Commission, mogopolo wa gore badirela puso ba ba ratang temo thuo ba adimiwe madi go reka ditshukudu tsa temo go na le go reka dikoloi tsa mabono jaaka go dirwa gompieno,  go lwantsha letlhoko la ditiro le go direla ba bangwe mebereko  gammogo le go ntsha dijo.

O tsweletse a bolela fa e mengwe e ne e le gore bodiredi jo bo amogelang madi a a kwa tlase mo pusong ba okelediwe madi go itepatepanya le seemo sa itsholelo sa gompieno se dilo di leng tlhwatlhwa godimo mo go tsitsibanyang mmele.

O boletse fa a ne a tla ka mogopolo wa gore ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ba okelediwe lemmenyana le ba le fiwang gompieno le wa gore mapalamente le botona ba tshwanetse go supa di tsa bone fa ba tsena mo pusong morago ga ditlhopho.

Fa ba mokgwa kgaba,  banni  ba  re ba ngongorega ka tsela  ya Tshweneyagae/Kgomokasitwa e  ba sa bolong go solofediwa fa e tla  tshelwa sekonotere, nako kgolo ke eno, e bile ba bolela fa ba batla go latela tautona ka sebele go itoka mo go ene ka gore barongwa ba tlhotswe.

Ba boletse fa ba belaela gore tlhopho ga e na mosola mo go bone ka gore kwa metseng e mengwe ditsela di tsweletse di a dirwa le mororo go ntse gotwe ga go na madi. Ba kopile gore boralekgotla ba tetlanyo ba atswiwe ka sengwe le bone.

Rre Rammidi o ba boleletse gore ka moseka phofu ya ga gabo a sa swe lentswe,  ba tswelele ba kope tsela ya bone ka bopelotelele. Mo go tse dingwe, o ba rotloeditse go dirisa mananeo a puso a a leng teng, le go tlhokomela bana ba bone mo go tsa thuto. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Jul 2014