Breaking News

Kgosi ya Salajwe o lebogela mananeo

09 Jul 2014

Kgosi Moala Gaerupe wa motse wa Salajwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re ntswa go lebega Batswana bangwe ba santse ba saletse kwa morago go tsibogela mananeo a puso,mme gone maiteko a  a bonala ka jaana go na le pharologanyo mo matshelong a ba ba sa iponang tsapa go inaakanya le mananeo.

Kgosi Gaerupe o tlhalositse mo potsolotsong gore le fa a tshwentswe ke bangwe ba ba santseng ba iketlile ba sa  inaakanye le mananeo a puso mme gone maiteko a tswa tema ka jaana ba ba tsibogetseng mananeo ba gatetse pele ka pharologanyo e bonala mo matshelong a bone.

A re bontsi jwa Batswana bo ne bo tshelela mo lehumeng la nta ya tlhogo mme e ne ya re morago ga go thamiwa ga mananeo a tshwana le LIMID, ISPAAD le a ditshingwana tsa merogo tema ya bonala ka bangwe ba kgona go oba letshogo.

A re methala ya kgomo mo lefatsheng leno e a boitshega mme e tlhoka balati ka  puso e thamile mananeo a le mantsi a a ka tsisang pharologanyo mo matshelong a Batswana  ba ba ikaeletseng go itlhotlhora lehuma.

A re ntswa  puso e amilwe ke kwelotlase ya itsholelo mme gone ga e ipone tsapa go thusa Batswana,mme ka jalo a ba kopa go dirisa monyetla o wa mahala go tlhabolola matshelo a bone.

A re fa Batswana ba ka ikitaya ka thupana ba tshwara ka thata fa ba abetswe mananeo e le ruri lehuma le ka nyelela mo lefatsheng leno a supa fa lehuma le itlhotlhorwa ke motho. 

Kgosi Gaerupe o supile fa lenaneo la thuo ya dikgomo le dira sentle thata kwa motseng wa gagwe ka jaana banni ba tlhokomela loruo la bone thata ebile le ntsifala.

O supile  fa bontsi jwa banana kwa motseng wa gagwe ba abetswe loruo ka lenaneo la Youth Development Fund mme fela maduo a bonala.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2014