Go bipa mpa ka mabele go borai
09 Jul 2014
Batsadi ba kopilwe go tlhoka go loba dikgang tsa tlhakanelo dikobo le petelelo mo baneng ba dingwaga tse di kwa tlase.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya Kgalagadi, Mme Abotseng Ramabele o boletse mo puisanong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng, gore batsadi bangwe ba gataka ditshwanelo tsa bana ka go tlhoka go di bega ba lebile go atswiwa ka sengwe ke badiramolato.
O tsweletse ka go tlhalosa fa go bopilwe komiti e e sireletsang molao wa bana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, e maikaelelo a yone e leng go netefatsa gore bana ba tshela ba phuthologile gammogo le go tlhomamisa gore molao wa bana wa 2008 o a diragadiwa.
A re komiti eo e bopilwe ka maphata a puso a a berekang le bana le go ba tlhokomela a a farologaneng a akaretsa a tsa pereko, mmakaseterata, thuto, botsogo le ba boipelego.
Mme Ramabele o kaile fa ngwana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go akola lorato lwa batsadi boo babedi go sa kgathalesege gore ga ba mmogo.
A re gape molao wa bana o letla gore ngwana a nne le sebaka sa go bona thuto, botsogo, dijo, diaparo le tsotlhe tse a di tlhokang mo batsading ba gagwe.
Fa a ntsha la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng la pereko, yo eleng modulasetilo wa komiti eo, Rre Bonang Batlanang o supile fa komiti e dirile maiteko a go tsamaya ba buisa diphuthego le go tsibosa setshaba mo metseng e e farologaneng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka tshireletso ya molao wa bana le bomosola jwa teng.
Rre Batlanang o tsweletse a tlhalosa fa go lebega fa komiti e tlaa solegela bana molemo ka ba setse ba amogela dikgang tse di amang bana di le dintsi mo kgaolong eo di akaretsa tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, petelelo le bana ba ba tlogelang sekole ba ya go nna le batsadi ba bone kwa dipolaseng.
O tsweletse a supa fa dikgwetlho dingwe tse ba kopanang le tsone mo komiting eo e le batsadi ba ba lobang dikgang tsa bana le go tlhoka go di tsaya tsia go na le gore ba ye go di begela ba ba tshwanetseng eleng mapodisi le ba boipelego. O kaile fa letlhoko la dipalamo le paledisa komiti go dira ka natla.
Mme Nametsegang Peloyame o supile fa mo nakong ya gompieno ba setse ba bopilwe dikomiti kwa metseng ee farologaneng tse ka tsone ba tla kgonang go upolola dikgang dingwe le dingwe tse di amang bana tse di ntseng di fitlhegile mo kgaolong eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Puisano le moranodi
Date : 09 Jul 2014