Bolokang mekwalo - mmaboipelego
09 Jul 2014
Mmaboipelego wa Mogobane, Mme Salome Grootlop o kopile bagwebi ba ba botlana ba dijo ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma, go boloka mekwalo ya dikgwebo tsa bone gore ba tle ba lemoge fa dikgwebo tsa bone di gola kana di latlhegelwa.
E rile a bua kwa thuto puisanong ya malatsi a mabedi, e e neng e tshwaretswe kwa Ramotswa bosheng, Mme Gotlop a re mogwebi o tshwanetse go supa ka mokwalo o o papametseng gore o rekisitse eng, o dirisitse bokae go reka dilwana tsa kgwebo le go thapa sepalamo se se mo thusang go rwala dilwana gammogo le gone go supa gore o dirile bokae letsatsi le letsatsi.
A re go dira jalo, go ka dira gore mogwebi a lemoge gore a o dira dipoelo kgotsa o a latlhegelwa. O boletse gape fa mogwebi a tshwanetse go ithuta gore bareki ba gagwe ba kgatlhegela eng, ba reka jang ka dinako tse di ntse jang. Mme Gotlop o tlhalositse gape fa bareki, ba na le go kgatlhegela go reka kwa mafelong a mangwe fa kgwedi e fedile, dira ditatlhegelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Thuto-seka-dipuisanyo
Date : 09 Jul 2014