Breaking News

Balemi ba ditapole ba itela mo pusong

09 Jul 2014

Balemi ba ditapole mo kgaolong ya Tswapong ba ngongorega ka fa puso e sa ba tseyeng tsia ka teng, le ntswa le bone fela jaaka balemi ba bangwe ba tsentse letsogo mo itsholelong ya lefatshe leno mo go ntsheng dijo.

Se se builwe ke molemi wa ditapole wa polase ya African Ranches, Rre Johannes Shoeman yo o boletseng fa monongwaga ba nnile le tatlhegelo e kgolo ka gonne segagane se tshubile ditlhare tsa dinamune le ditapole mo dipolaseng tsa bone. 

A  re  le fa go ntse jalo, puso ga e ke e kgathala ka mathata a bone, ntswa fa seo se ka tlhagoga kwa Pandamatenga puso e tsiboga, a  supa fa le bone ba tlhoka go sekegelwa tsebe ba thusiwa.

Rre Shoeman a re fela jaaka boradipolase ba kgonne go tlhamela Batswana ba feta 150 ditiro, go supa  fa  temo ya ditapole, dinamune le dikwii e tlhoka go dirwa go tlhoafetswe ka jalo e tlhoka batho ba le bantsi gore e kgonege.

O tsweletse a re o rata lefatshe leno ka le na le thitibalo mme a tlhalosa fa itsholelo ya lone e ikaegile ka Batswana go reka ditswa temong tsa mono gae gonne kwa phelelong bone ele balemi ba tlhama ditiro le one madi a theko ba a tsenya mo dibankeng tsa mono gae.

Rre Shoeman a re sebe sa phiri ke gore  balemi ba dipolase ga ba fiwe sebaka sa  go buisana le tona wa temo thuo ka mathata a ba kopanang le one, se ba se bolelelwang ke badirela puso ke gore ga go kgonege go ka mmona ntswa puso e letlelela bagwebi go kopana le tona fa ba na le dingongorego ka boradipolase.

O supile fa sebaka se go tswalwang melolwane ka sone sele se khutshwane ka go kgonwa go bulwa dijalo tsa bone di santse di le mo masimong mme Batswana ba di tlogele ba ye go reka kwa Aferika Borwa, a supa fa  seo se ba kgoba marapo ka ba kgona go nna le tatlhegelo e e seng kana ka sepe.

O boletse fa gole gantsi ditswa temong tsa bone, segolo jang ditapole le dinamune di rekwa ke boramabenkele a matona a Spar le Choppies mme gape ba kgona go rekisetsa bagwebi ba ba botlana.

Rre Shoeman a re fa a simolola o ne a neela bagwebi bangwe ditswa temong ka sekoloto, ka tsholofelo ya gore ba tlaa duela, a supa fa a kolotiwa madi a a ka fetang  P1 million a le mo nakong eno a palang go duelwa.

O tlhalositse gape fa ditsela tsa dipolase  di le mo seemong se se maswe fela thata go nne di tsaya lebaka di sa gopiwe, a tlatsa ka gore dikoloi tsa bone tse ditona di nna di senyegile  ka ntlha ya ditsela tseo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2014