Thuto-ga-e-golelwe e thusa Batswana
08 Jul 2014
Kwa Takatokwane mo kgaolong ya Kweneng go bolelwa fa lenaneo la thuto-ga-e-golelwe le tswetse bomme bangwe molemo ka ba itlhametse dikgwebo.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, motlhatlhelela dithuto kwa motseng oo, Rre Alfred Tutu o kaile fa lenaneo le le ogotse bangwe mo isong ka jaana ba itshedisa ka lone.
A re lenaneo le, le ne la tlhangwa morago ga go lemoga fa bangwe ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka go itse go kwala le go ipalela, mme ya re morago la tlhabololwa go akaretsa dithuto tsa tiro ya diatla di tshwana le go roka mme le tsweletse ka go ntsha maduo a mantle.
A re ntswa bontsi bo sa kgatlhegele go tsibogela lenaneo le, mme gone go lebega maiteko a puso a go lwantsha lehuma ka thuto-ga-e-golelwe a tswa tema ka jaana ba ba palo potlana ba ba inaakantseng le lone ba kgona go ipalela mananeo a puso le gone go dirisa dithuto tse ba di akotseng mo lenaneong le go ipulela dikgwebo.
Rre Tutu a re bomme bangwe ba le bane ba motse oo ba ne ba inaakanya le lenaneo le mme mo nakong eno ba ipuletse kgwebo ya go roka e e bidiwang Phadibaga Sewing Group.
Modulasetilo wa komiti ya thuto ga e golelwe e bile le leloko la setlhopha sa Phadibaga Sewing Group, Mme Malebogo Ditlale a re e ne ya re ba ntse ba tsweletse le dithuto tsa go bala le go kwala, ba lemotshiwa fa lenaneo le tlhabolotswe le akaretsa dithuto tsa tiro ya diatla mme ba seka ba dia nako, ba isiwa dithutong kwa Kang go ya go rutuntshiwa go roka le go tsamaisa kgwebo.
A re mo nakong eno ba itheketse motshine o o rokang e bile kgwebo ya bone e tsweletse ka ba kgona go itshetsa le ba malwapa a bone.
Mme Ditlale o galaleditse lenaneo le a kaya fa le fetotse botshelo jwa gagwe fela thata.
A re pele a inaakanya le lone, o ne a sa itse go bala le go kwala ka a ne a sa tsena sekole mme mo nakong eno dikgang tseo ke selo sa maloba ka a kgona go ipalela ditaelo tsa ba bongaka le mananeo a puso.
A re go tlhoka go itse go bala le go kwala go na le ditlamorago tse di botlhoko ka motho o kgona go tsiediwa ke ba a tshelang le bone le gone go tlhoka go akola mananeo a puso ka difomo tsa teng di tlhokana le go tlhalwa ke moikopedi.
Le fa go ntse jalo, mothusa motlhatlhelela dithuto kwa motseng oo, Mme Mary Kepu a re ntswa lenaneo le le itshupile le le botlhokwa go lebega fa bontsi jwa batho bo sa kgatlhegele go inaakanya le lone ntswa ba sa kgone go ipalela le gone go kwala.
A re ba kwadisitse baithuti ba ba palo potlana fela thata mo dikgaolong tse ba direlang mo go tsone jalo a supa fa seemo se, se tshwenya ka jaana batho ba sa kgone go inaakanya le dithuto tse di akolwang mahala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2014