Ba-na-le bogole ba rotloediwa go dirisa mananeo
08 Jul 2014
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Dzoroga mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Keiphang Sechele a re go botlhokwa gore ba-na-le bogole, bogolo jang ba banana ba ikopele mananeo a puso.
Mo potsolotsong bosheng, Rre Sechele o supile fa puso e tsweletse ka go ntsha mananeo ka go farologana a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a Batswana, go sa kgathalesege gore ke ba seemo se fe. A re go itshupa fa ba-na-le bogole bangwe ba le maoto a tshupa go ikopela mananeo a.
Rre Sechele o ba kgothaditse gore ba seka ba diiwa ke go iteba dipopego kgotsa seemo sa bone, gape a re ba seka ba ipona tsapa mme ba itlhaganelele go tlhaloganya go le gontsi ka mananeo le gone go a ikopela gore le bone ba tokafatse matshelo a bone.
O ba gwetlhile gore ba seka ba itlhoboga, a re ba tshwanetse go iphataphatela ka jaana Motswana o rile mokoduwe go tsosiwa o o itekang.
Rre Sechele a re fa ba-na-le bogole ba ka tsibogela go ithusa ka mananeo ba bo ba itshimololela dikgwebo tsa go roka, go rua dihutshane le tse dingwe ka go farologana, go ka ba fa sebaka sa gore le bone ba nne le seabe se se bonalang mo go tswakanyeng itsholelo ya lefatshe leno.
O tsweletse a re puso e segile tema ya gore ka 2016, Batswana ba bo ba tshela botshelo jo bo kgatlhisang gape bo amogelesega mme a re maikaelelo a, a ka atlega fela fa Batswana ba ka tsibogela dithuso tsa puso, ba bo ba di dirisa ka fa tshwanelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2014