Breaking News

Ramapodisi o rotloetsa ipabalelo tseleng

08 Jul 2014

Mookamela mapodise a pharakano a kgaolo ya bokone, Assistant Commissioner Christopher Ndlovu a re ditso di supa fa dikotsi di sale di simolotse bogologolo mme go lemogilwe fa di bakwa ke  go dirisa tsela bofafalele.

 Rre Ndlovu o buile jalo ka letsatsi la segopotso sa ipabalelo tseleng le le neng le rulagantswe ke ba Motor Vehicle Accident Fund (MVA) kwa Tutume ka Matlhatso, a supa fa ditsela di siame  mathata e le badirisi ba tsone mme a kopa mongwe le mongwe go nna le seabe mo ipabalelo tseleng.

O boletse fa batho ba le makgolo mane, lesome le bongwe ba ne ba latlhegelwa ke matshelo ngogola, mo go tsone, Tutume e nnile le dintsho tse tharo.

O  tsweletse a bolela fa monongwaga kgaolo ya Tutume e kwadisitse melato ya tsela e le makgolo a supa le masome a robabongwe le borataro mme mo go yone ele makgolo a mabedi le masome a mararo le borataro e le ya bakgweetsi ba ba neng ba kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo.

A re mo ditshekatshekong tsa bone ba lemogile fa lebelo le le kwa godimo e le nngwe ya tse di bakang dikotsi.  Mookamela lekalana la MVA Rre Cross Kgosidiile a re maikaelelo a letsatsi leo e ne ele go itsese batho ka makalana a bone le mananeo a ba a fang batho.

A re mo MVA ba rotloetsa batho go tla ka mananeo le megopolo e ba ka thusang go lwantsha dikotsi tsa tsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Segopotso

Date : 08 Jul 2014