Banni ba kopiwa go tsweledisa temo
08 Jul 2014
Go botlhokwa gore mongwe le mongwe mo lwapeng a nne le seabe e bile a tlhoafalele temo ka e ntsha dijo tse di jewang ke batho ga mmogo le leruo.
E rile a bua mo moletlong wa go ipelela thobo o o neng o rulagantswe ke banni ba metse ya Nlapkhwane le Masukwane bosheng, mothusa mogokaganyi wa tsa temo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Fatima Makgethe a bolela fa temo ele seikokotlelo se se botlhokwa, ka jalo a kopa batsadi go jwala mowa wa go inaakanya le temo mo baneng ba bone gore e re phularong ya bone, ba sale ba tsweledisa ngwao eo, e se re gongwe ba sala ba ba supa ka menwana go bo ba paletswe ke go ba ruta maele a botshelo.
A re fela go a tshwenya ka jaana go santse go na le batsadi bangwe ba ba santseng ba le maoto a tshupa go tsenya mowa wa go tlhoafalela temo mo baneng. O boletse gore ba ka tsenya mowa oo ka go nna ba ba itsese ka botlhokwa jwa temo le go ba akaretsa mo sengwe le sengweng se se amanang le yone.
A re le fa gone mo kgaolong ya Bokone Botlhaba go lebega temo e tshwaraganelwa, fela bomme ba kgaolo eo ba tshwanetse ba rolelwa hutshe go bo e le bone ba di gogang kwa pele mo go yone.
Mme Makgethe a re letsatsi la go ipelela thobo ke lengwe la malatsi a a botlhokwa ka le thusa balemi go lemoga seabe sa bone sa go inaakanya le temo. A re go a itumedisa go bona batho ba tlhoafalela temo go sa kgathalesege gore ba kopana le dikgwetlho tsa dibetso tsa tlholego, phetogo ya loapi le tse dingwe.
O tsweletse a re puso ka mananeo ka go farologana jaaka la ISPAAD, e leka bojotlhe go thusa batho go tlhabolola le go godisa temo, mme a re go a itumedisa go bona mo kgaolong ya bone, go lemilwe ditema di le dikete di le lesome le bosupa, makgolo a le mararo le borataro le metso e le mebedi mo pakeng eno ya temo.
Go ntse go le foo, Mme Makgethe o gakolotse balemi le barui go tshwaragana, a re seo se ka nyeletsa lehuma e bile sa dira gore lefatshe leno le kgone go rekisetsa mafatshe a mangwe dijo le dingwe tse di tswang mo leruong.
Fa a ama dintlha dingwe mabapi le tiriso ya tshefi e e sireletsang thobo, molemisi wa diji mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Thabakgolo Onalenna o gakolotse balemi go itshireletsa ka dinako tsotlhe fa ba dirisa tshefi.
O tsweletse a re tshefi ya Grain Guard, e gantsi e leng yone e dirisiwang go sireletsa thobo, e tsaya lobaka la dikgwedi tse thataro e ntse e sireleditse thobo mme fa dikgwedi tseo di wela, molemi o tshwanelwa ke go tshela tshefi ya selekanyo se se tshwanetseng mo thobong ya gagwe. O boletse fa thobo e ka jewa morago ga kgwedi e sena go tshelwa tshefi eo mme e tlhatswitswe.
O gakolotse balemi kgatlhanong le go reka ditshefi tse di sa kwadisiwang ka fa molaong mo lefatsheng leno, a re tse di kwadisitsweng ga di na borai bope fa di dirisiwa ka fa tshwanelong.
Moletlo oo, o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Go beeletsa mo temo-thuong, go oketsa dijo’. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Moletlo wa go ipelela thobo
Date : 08 Jul 2014