Ba supana ka menwana mabapi le bogosi
08 Jul 2014
Batho ba kgotla ya Bokaa mo Mahalapye bane ba supasupana ka menwana mo phuthegong e neng e buisiwa ke Kgosi Duncan Tsoebebe Segotsi, yo a neng a tsile go ba kopa leina la motho yo a ka tlhongwang kgosana ya bone ya tetlanyo.
E re ntswa bogosi jwa kgotla ya Bokaa bo lebane Rre David Rathipana yo rraagwe a tlhokafetseng ele Kgosi ya Bokaa ka 1972,bontsi jwa batho ba ba neng ba akgela mo phuthegong eo ba supile fa bale kgatlhanong le gore a neelwe setilo sa bogosi ka jaana ana le dingwaga dile masome a mane le bobedi a ntse a phuagantse bogosi jwa gagwe.
Batho bao ba ba neng ba akaretsa Rre Mothupi Lentswe, Rre Matshediso Kanene,Rre Ranchi Jackson, Rre Diane Ramontsho, Mme Dimatlhong Keganne,Mme Onkarabile Letebele le Mme Margaret Samuel bare ere ntswa bana baga Rathipana ba lebanwe ke bogosi jwa Bokaa,ba tshwenngwa ke gore bane ba phuaganya bogosi jwa bone morago ga loso la motsadi wa bone e bile ba bolela fa Rre David Rathipana a hudugile mo kgotleng ya Bokaa goya go thibelela kwa kgotleng ya Parwe.
Batho bao, ba ba neng ba bua ka go gogomoga maikutlo ba boleletse Kgosi Segotsi gore ele ba bogosi mo Mahalapye ba ntse ba sa tsamaise bogosi jwa Bokaa sentle ka jaana batswa goo-lowe ba tlhoma batho go nna dikgosana tsa Bokaa ntleng le go rerisana le morafe.
Bangwe ba batho ba ba kileng ba tlhongwa dikgosana morago ga loso laga Rre Rathipana ka 1972, ke Rre Betsang Moseki, Rre Tumelo Tlhokwana, Rre Mompoloki Motsamai le Rre Rogers Moalosi yo a neng a tlhokafala ngogola.Bare batho ba ka go tlhomagana ga bone ba ntse ba bewa mo setilong sa bogosi jwa kgotla ya bone ntswa ele morafe ba sa rerisiwe.
Ene e rile gole pele Kgosi Segotsi a tlhalosetsa banni ba kgotla eo, fa a tsile go ba kopa go mo neela leina la motho yo aka tlhongwang kgosana ya bone go kaba phatlha yaga Rre Moalosi.
Kgosi Segotsi o rile ere ka kgotla ya Bokaa ena le beng ba yone ba ba lebanweng ke bogosi go mo maruding a ba lelwapa la bogosi go supa ngwana yo ka tlhatlhamang Rraagwe e bong Rathipana kana go sekaseka mongwe yo ba bonang a nonofetse go ba etelela-pele.
E re ka Motswana a buile lefoko le a reng go kgoberega ga metsi ke go itsheka,batho ba Bokaa bane dumelana ka maina ale mane a batho ba ba bonang ba ka etelela kgotla ya bone e bong Rre David Rathipana, Rre Matshediso Kanene, Rre Mothupi Lentswe le Rre Kegope Owatametse.
Kgosi Segotsi one a tlhomamisetsa banni ba Bokaa fa a tla fitisetsa maina a batho bao kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato kwa Serowe goya go sekwasekwa ke motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya morafe
Date : 08 Jul 2014