Bagwebi ba lela ka ditirelo
08 Jul 2014
Bareki ba dinamune kwa dipolaseng tsa Seleka ba ngongoregela go sa tseweng sentle ke beng ba dipolase ba koo ka ba re ga ba ba thuse ka nako segolo jang fa molelwane o tswaletse gore dinamune, ditapole le maphutshe di rekwe mo gae.
Ba bolela fa ba lala kwa ntle ga polase mme seo se tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka ba a bo ba tshotse madi, mo godimo ga moo ba supa fa le jone boitekanelo bo seo ka ba dirisa sekgwa go itiketsa.
Mongwe wa bareki, Mme Dorcas Dumula a re puso e tshwanetse go tsenya leitlho mo dipolaseng gore di kgone go ba thusa sentle, a bolela fa ba tshela ka thekiso gonne ba leka go fokoletsa puso morwalo wa batlhoki mme jaanong ka fa ba thusiwang ka teng go ba kgoba marapo.
Mo potsolotsong, mong wa polase Mme Amore Liversage o tlhalosa fa a dirile bojotlhe gore ba neele bareki ba bone megala gore e re pele ba emelela ba ba leletse gore ba fitlhele ba ba baakanyeditse go itsa go leta lebaka le le leele.
Mme Liversage a re tiro ya go bapala dinamane e bokete ka ditlhare tsa teng di na le mitlwa a supa gore le ntswa ba neela bodiredi diaparo tsa itshireletso le diatlana, nako e nngwe ga di ba thuse. O boletse gape gore le bone ba a lapa ka jalo ba tshwanelwa ke go nna le malatsi a boikhutso.
A re gole gantsi batho ba ba emang lobaka ke ba ba itlelang fela ba sa bua le bone pele gore ba ba baakanyetse, ka jalo ba fitlhela dikoloi tsa ba ba baakanyeditsweng e le tsone di thusiwang pele, mme ka gonne dinamune di sa bapalwe bosigo go pateletsa ba ba sa baakanyediwang go leta.
Mme Liversage a re ka letsatsi ba kgona go thusa dikoloi di le masome a mabedi go ya kwa go masome a mabedi le boraro tse di rekang ka makapa.
A re fa a lemoga gore batho ka bontsi ga ba a letsa go kopa go baakanyediwa,o kgona go ba raya a re ba ye go reka kwa dipolaseng tse dingwe ka a santse a thusa ba ba bangwe mme ba gane ba ikanye go leta. O tlhalositse fa ene le badiri ba gagwe ba leka bojotlhe go thusa bareki ka nako, a tlatsa ka gore fa ba sa kgona go reka o ba neela dikobo le dijo.
O supile fa pele ba ne ba letlelela batho go tsena mo teng ga polase mme ba emisa morago ga gore mongwe wa borakgwebo a golafadiwe ke metshine ya motlakase e e tlhaolang le go kala dinamune.
Mme Liversage a re ba na le diekere di le 120, tse mo go tsone di le 40 e leng ditlhare tsa dinamane. O boletse fa maikaelelo a bone e le go godisa temo ka go e tswakanya le dijalo tse dingwe jaaka go lema mmidi, magapu le maphutshe a sekgowa mo ngwageng o o tlang gore e re fa molelwane o tswetswe a kgone go thusa Batswana ka botswapelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : SELEKA
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2014