Breaking News

Komiti kwa Mogorosi e a kgathala

08 Jul 2014

Komiti ya ditlhabololo ya motse wa Mogorosi mo kgaolong ya Legare  e dule Mme Gabobewe Nthomi wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano thuso ka go mo tokafaletsa fa a nnang teng  morago ga go lemoga fa bonno jwa gagwe bo le mo seemong se se maswe.

Mo puisanong le BOPA, modulasetilo wa komiti eo, Rre Motlhanka Pheko o tlhalositse gore fa gongwe go thusa mongwe ga go tlame motho gore a bo a na le madi a mantsi , ka thuso nngwe le nngwe e a amogelesega fa pele ga Modimo.

Ka jalo a re ka ba kgathala ka matshelo a ba ba kobo dikhutshwane mo motseng, e bile e le mangwe a maiteko a go betla tsela ya go fitlhelela maikaelelo a setshaba a 2016 a gore re bo re le tshaba e e kutlwelo botlhoko e kgathala ka matshelo a ba bangwe, ba ne ba seka ba ipona tsapa go tokafatsa seemo sa bonno jwa ga Mme Nthomi.

O tlhalositse fa ba ne ba ntshafatsa ntlo ya mme yoo, e e neng e agiwa ke bomme bangwe ba motse  ka go bona fa Mme  Nthomi a nna mo bonnong jo bo sa siamang.

Rre Pheko o tsweletse ka go tlhalosa fa letsogo la bone le sa khutshwafalela fela mo go baakanyeng ntlo mme ba setse ba weditse go epa lefuti go agela Mme Nthomi ntlwana ya boitiketso.

A re ke maikaelelo a bone go netefatsa gore mme yoo o nna mo bonnong jo bo faphegileng ka nako tsotlhe, a gatelela fa go nna mo tikologong e e phepa e le konokono ya botsogo jwa motho.

Fa a tswa la gagwe, Mme Nthomi o lebogile komiti eo go bo e fetotse selelo sa gagwe go nna selo sa maloba. A re go molemo go bona bangwe ka ene ba kgona go supa mowa o  montle wa go namola  ba ba tlhokileng lesego  mo botshelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : MOGOROSI

Event : Puisano

Date : 08 Jul 2014