Breaking News

Tebogo se ipelela dingwaga tse masome a mane

08 Jul 2014

E rile ka bosheng sekole se se botlana sa Tebogo kwa Selebi Phikwe se bo se tshwere moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome a mane se ntse se dira, ga mmogo le go nna  bommampodi ba ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa ba kgaolwana ya Selebo e e nang le dikole potlana di le masome a mane le bobedi go tswa kwa Selebi Phikwe, Bobonong le Mmadinare.

Motshwara madi wa komiti ya sekole ya batsadi le barutabana, Rre Donald Sanana a re komiti ya bone e dira sentle fela thata ka ntlha ya tirisano mmogo fa gare ga batsadi, barutabana ga mmogo le baithuti.

O supile fa tirisano mmogo eo e le yone e dirileng gore sekole seo se fitlhelele maitlamo a sone le go dira ka natla mo dithutong.Mogokgo wa sekole, Rre Boyckel Kagiso ene o tlhalositse fa sekole sa gagwe se tsere maemo a ntlha ka 98.6% mme e bile baithuti ba le babedi ba sekole seo e le  bangwe ba ba lesome ba ba gaisitseng Botswana otlhe.

O lebogile khansele ya Selebi Phikwe  go ba ema nokeng mo go tsamaiseng sekole ka thelelo. Rre Kagiso o iteetse batsadi legofi go bo ba kgathala ka thuto ya bana ba bone le gone go dirisana sentle le barutabana.

O boletse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya baithuti ba ba nnang kgakala le sekole a kaya fa ba tshabelelwa ke go tsena thari mme seo se ama dithuto tsa bone. O kgothaditse baithuti go ikgapha mo nno taging le tsotlhe tse di ka bayang bokamoso jwa bone mo diphatseng.

Rre Motsile Sibanda go tswa komponeng ya BCL o supile fa maduo a a kgatlhisang a sekole e le sesupo sa gore botsamaisi jwa sone bo tlhomile matlho mo letshegong la Tebelopele ya 2016 la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso.

O tsweletse a re barutabana ba tshwanetse go akgolelwa tiro e ntle e ba e dirang ya go ruta baeteledipele ba lefatshe ba kamoso. Rre Sibanda o supile fa go bereka ka natla go na le maduo a a molemo e bile gape le boitshwaro jo bontle jwa baithuti bo nnile le seabe mo go direng sentle ga bone.

O kgothaditse baithuti go tswelela ba itshwara sentle le go babalela didirisiwa tsa sekole a kaya fa go di senya go ka baya thuto le bokamoso jwa bone mo diphatseng.

E ne yare a ntsha la gagwe, morutabana Rre Bernard Lombhala a tlhalosa fa go ne go se motlhofo go tsaya maemo a ntlha mme a supa fa go bereka ka natla le go thusana ga baithuti go ba bereketse fela thata.

Mothusa ratoropo, Rre Odirile Kelebetse ene o tlhalositse fa boeteledipele jwa toropo bo ikaeletse go tswelela ba tlhomamisa gore dikole le matlo a barutabana di mo seemong se se kgatlhisang, a supa fa ba sa tswa go simolodisa kago ya matlo a barutabana.

Moithuti wa pele wa sekole seo, Thato Safe o kgothaditse baithuti ba lokwalo lwa bosupa ba mono ngwaga go itshepha, go bereka ka natla mo dithutong tsa bone ga mmogo le go thusana gore ba tle ba kgone go sireletsa sekgele se ba se tlogeletsweng ke bo mogoloabone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Imi Mokgethi

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Moletlo Wa Ipelo

Date : 08 Jul 2014