Barui kwa Nata ba lela ka bogodu jwa loruo
07 Jul 2014
Barui ba gomagomeditse go itseela molao mo diatleng fa puso e ka itlhokomolosa [kopo ya bone ya] go busetsa dikgosi dithata tsa go sekisa dirukutlhi tse di utswang leruo la bone.
Barui ba ba ntshitse ikuelo ya bone kwa thuto-puisanong ya letsatsi le lengwefela ka Matlhatso e e neng e rulaganyeditswe balemi-barui ke mapodise a Tatitown go rotloetsa setshaba go nna le seabe mo twantshong borukutlhi. Dithuto tseo di ne di diretswe barui ba Jamataka le mafelo a a mo tikologong.
Ba re go na le koketsego e e boitshegang ya bogodu jwa loruo mo dikgaolong tsa bone mme se se tlhabisang ditlhong ke gore dirukutlhi tseo di a tshwarwa mme e re morago mme e re moragonyana di boe gape di sena go letlelelwa go letela tsheko kwa ntle.
Rre Dominic Masalila yo o neng a emetse barui ba Semitwe le Marapong o boletse fa go utlwisa botlhoko gore lefa dirukutlhi tseo e le bana ba bone ba ba itseweng mo metseng, makgotla a ditsheko a swabisa barui ka go golola dirukutlhi tseo.
A re go lebega ekete kwa kgotleng ya ditsheko, mosekisiwa o na le ditshwanelo tse dintsi go feta mong wa leruo le le utswilweng. Rre Masalila o boletse gore basekisi ba puso gantsi ba palelwa ke ntsha mabaka go thibela gore babelaelwa ba letlelelwe go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo.
O tsweletse a bolela gore go a ba gakgamatsa gore babelalewa ba le bangwe fela e bo e le bone ba palelwang ke go diragatsa ditumalano tsa go letela tsheko kwa ntle.
A re lefa ba letleletswe go letela tsheko kwa ntle, babelaelwa bao ba bogodu jwa loruo ba boa ba dira molato o mongwe o o tshwanang le o ba o lebisitsweng. A re seo e tshwanetse ya nna tsiboso mo mo basekising le puso go tla ka maano a a botoka go itebaganaya le tlolo molao e e ntseng jaana pele ga barui ba ka itseela molao mo diatleng tsa bone.
O ikuetse mo pusong gore ke nako ya gore dikgosi di neelwe dithata tsa go sekisa dirukutlhi tsa go nna jaana tse di sa robatseng barui. A re bosupi bongwe gantsi bo na legotshololwa ntateng ya bosenakitso jwa babueledi ka tse di amanang le thuo.
E re fa go ntse jalomookamedi wa mapodise kwa bokone, Senior assistant Commissioner Mme Diana Marathe o ne a rotloetsa balemi-barui go tswelela ba tlhanatsha bogodu jwa loruo le gore ba tlhame makgotla go lwantsha ditlhopha tsa dirukutlhi.
A re gantsi mapodisi gantsi a lebagana le dikgwetlho mo ditlhotlhomisong tsa one ka gore batho ba palelwa ke go loma mapodise tsebe le fa ba na le kitso ka borukutlhi. O boletse gore fa go sena tirisano le setshaba, ditlhotlhomiso tsa mapodise ga di kake tsa ya gope.
Mme Marathe o boletse gore mapodise ga a kake a kgona go leboga mongwe le mongwe ka madi, mme go botlhokwa go thusanaya le mapodise go ba loma tsebe ka se ba se itseng mo go ka dirang gore dirukutlhi di tshwarwe.
Mabapi le gore dikgosi di neelwe dithata, go seka ditsheko tse di ntseng jaana, o ne a re go mo magetleng abone e le balemi-barui go isa kgang ya go nna jalo kwa mapalamenteng a bone ka e le bone ba nang le dithata tsa go dira melao ba sena go buisanya le batho ba bone.
A re lefa dikgang tsa bogodu jwa leruodi ntse di le kwa godimo fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse pedi tse di fetileng, dipalo di wetse tlase ka gore dikgotla tshekelo di seka ka bonatla jo bogolo lefa go na le tlhaelo ya bommakaseterata ba ba sekang ditsheko tsa bogodu jwa loruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : JAMAKATA
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 07 Jul 2014