Breaking News

Motlobo o thusa banana go ikgapha

07 Jul 2014

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Sebina, Rre Tlhabologo Mabuku a re ba itumedisiwa ke ka fa banana ba motse ba dirisang motlobo wa dibuka ka teng.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Mabuku a re go bulwa ga motlobo o kwa Sebina go sologetse banana molemo ka jaana o ba thusa go ikgapha. A re pele ga motlobo o o bulwa, bontsi jwa banana ba ne ba tshwabelelwa ke go amega mo ditirong tse di sa amogelesegeng.

O tlhalosa gore ne ba nna fela ka go gobeya mo motseng ba sa dire sepe se se ka ba sologelang molemo fa bangwe bone ba ne ba inaakantse le bojalwa, mme bangwe ba amega mo borukhutlhing.

Rre Mabuku a re e sale motlobo wa dibuka o bulwa, seemo se fetogile ka jaana bontsi jwa banana ba bonala gone koo, ba dira dipatlisiso mo enthaneteng ka dikgwebo ka go farologana.

A re go supa fa dipatlisiso tse ba di dirang di ba ruta sengwe, ka jaana bontsi ba setse ba na le kgatlhego ya go itshimolodisetsa dikgwebo, mme a re bangwe e bile ba setse ba ikopetse madi a banana a go dira jalo.

Go sale foo, Rre Mabuku o ne gape a supa fa bagolo mo motseng le bone ba na le kgatlhego ya go dirisa motlobo wa dibuka.

A re bangwe ba tseneletse dithuto tsa go ithuta khomputara mme a tlatsa ka gore dithuto tse di rulagantswe ke bagolwane ba bone.

O tsweletse a re ba ba setseng ba tseneletse dithuto tse, ba na le kitso ya go dirisa khomputara ntle le thuso epe.  Rre Mabuku o bile a supa fa bagolo bao jaanong ba kgona go bua le bana ba bone ba ba direlang kwa ntle ga motse wa Sebina ka maranyane a tlhaeletsanyo ya enthanete.

Modulasetilo a re ka fa banni ba motse ba tseetseng motlobo wa dibuka ga mmogo le ditirelo tsa one kwa godimo, go itshupa fa letshego la Tebelopele ya sechaba ya 2016 la chaba e e rutegileng e bile e na le kitso le tla atlega.

Mo go tse dingwe, Rre Mabuku o boletse fa ba kopa puso go sekaseka mabaka a go oketsa palo ya badiri ba Ipelegeng mo motseng. A re ka kgwedi, ba thapa badiri ba le masome a supa, mme a re palo e e kwa tlase ka jaana motse o godile.

O tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng e le seikokotlelo sa bangwe ba ba ntseng ba sa kgone jaaka batlhoki, ka jaana ba setse ba kgona go itshetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : SEBINA

Event : Potsolotso

Date : 07 Jul 2014