Kgosi wa Mogome o tlhokafetse
07 Jul 2014
Mapodise a Palapye a tlhotlhomisa tiragalo emo go yone Kgosi Daniel Mosarwe wa Mogome mo kgaolong ya Legare a neng a tlhokafala morago ga go thulwa ke koloi kwa Radisele.
Le ntswa go sa kgonagala go buisana le ba sepodisi sa Botswana kwa Palapye ka ntlha ya gore megala ya bone ene e lela, mme esa arabiwe, Kgosi Masego Olebile wa Palapye e bile a okametse dikgotla tsa Mokgware, Mogome le Radisele o tlhalositse fa Kgosi Mosarwe a tlhokafetse ka Matlhatso morago ga go thulwa ke koloi fa ane a leka go kgabaganya tsela.
A re moswi o diragaletswe ke kotsi eo gaufi le madirelo a Tshephang fa ane atswa go reka leokwane la koloi kwa Palapye ka nako ya bosupa mo maitseboeng.
Kgosi Olebile o boletse gore Rre Mosarwe yo tlholegang kwa Mmadinare, o tlhomilwe kgosi ya Mogome ka ngwaga wa 2007 morago ga leso la ga Rre Modisaemang Keatimolwe.
Kgosi Mosarwe yo tlogelang mohumagadi le bana, o tsene mo bogosing morago ga go tlogela tiro ka bogodi mo lephateng la temo-thuo le a berekileng mo go lone ka lobaka le le leele.
Kgosi Olebile yo a neng a etetse ba lelwapa la ga Rre Mosarwe kwa Radisele le banni ba Mogome kwa Rre Mosarwe a neng a berekela teng ele kgosi, o tlhalositse fa morafe o dumelane go tshwara merapelo kwa kgotleng ya Mogome kgwedi eno ele lesome go laela Rre Mosarwe yo tla bolokelwang kwa Radisele kgwedi eno ele lesome le bobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : RADISELE
Event : Tatolo
Date : 07 Jul 2014






