Breaking News

Matona a puso a ka lelediwa

07 Jul 2014

Go tsamaelana le thulaganyo ya ga Tautona ya gore matona a puso a lelediwe go reetsa dikopo tsa setshaba,Tona wa Itshireletso le Thokgamo, Rre Dikgakagamatso Seretse o tlaa amogela megala kwa ofising ya gagwe ka Mosupologo kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a supa.

Tona Seretse o ka lelediwa mo mogaleng wa 369 8301 go simologa ka nako ya lesome le motso mo mosong go ema ka nako ya lesome le bobedi.

Motshwarelela Tona wa Merero ya Ofisi ya Ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Shaw Kgathi o tlaa amogela megala kwa ofising ya gagwe ka Laboraro kgwedi ya Phukwi e hera bongwe.

Tona Kgathi o ka lelediwa mo mogaleng wa 395 0843 go simologa ka nako ya botlhano mo tshokologong go ema ka nako ya borataro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : DAILYNEWS

Location : GABORONE

Event : Kitsiso

Date : 07 Jul 2014