Tshwaragano ya batsadi le barutabana e ntshitse maduo
07 Jul 2014
Tshwaragano le tirisano mmogo ya batsadi le barutabana kwa Mokgware ke yone e dirileng gore sekole seo se bone maemo a ntlha mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa mo dikoleng di le lesome le boferabongwe tsa kgaolwana ya Palapye Borwa .
Mogokgo wa sekole seo, Mme Keene Matlhare o tlhalositse fa barutabana ba dira ka natla go ntsha maduo fa batsadi bone ba sa ipone tsapa fa ba bidiwa go tla go abelana ka thuto le kgodiso ya bana ba bone.
Mme Matlhare a re tlhaelo ya boroko, motlakase le ditlhaeletsano ga di kgobe barutabana marapo, mme a lebogela gore puso e sekegetse dilelo tsa bone tsebe ka go ba duela Remote Area Service Allowance, a re seo se ya go ba tiisa moko le go feta.
Sekole seo se kgonne go bona 40 % wa A le B le 100% wa A,B,le C . O tsweletse a re batsadi ba sekole sa Mokgware ba thusa fela thata ka ke bone ba phepafatsang tikologo ya sekole nako le nako.
Mme Matlhare a re o itumelela tirisano e ntle fa gare ga bone le ba thuto go tswa kwa Palapye, gammogo le kemo nokeng ya mokhanselera. A re ba na le tirisano mmogo le bodirela puso jo bongwe a supa fa ba adimana dikoloi le sekole se segolwane sa Radisele.
Mogolwane wa thuto ya dikole tse dipotlana wa kgaolo ya Palapye Borwa, Mme Onalethata Thitoyamere o kgothaditse bana go ikela tlhoko mo go tsa marato ba sale bannye.
Rre Gift Bakumbi, mogolwane wa tsa boenjeneere kwa Solahart Botswana, ene o akgotse bana ba lekwalo la bosupa mme a supa fa ba tla a tswelela ba ema sekole seo nokeng gore se ntshe maduo a mantle, a bo a kgothatsa bana go intsha mo ditirong tse di maswe tse di ka ba senyetsang bokamoso.
Mokhanselera wa kgaolo eo, Rre Gomolemo Ponatshego, o boletse fa a itumedisiwa ke tirisano mmogo le tshwaragano e ntle ya dikole tsa kgaolo ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MOKGWARE
Event : Kakgolo
Date : 07 Jul 2014