Breaking News

Tiro o tswelela ka go itshetsa ka temo

07 Jul 2014

Mme Evelyn Tiro, fela jaaka balemi ba bangwe ba Tutume o kgonne go bona thobo e e nametsang monongwaga go feta dingwaga tse di fetileng.

Fa a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Mme Tiro o boletse fa temo e nnile ntsi monongwaga segolo jang ka a kgonne go lema ka dipula tsa ntlha mme gape a re go lema ka ditselana go mo thusitse fela thata go bona thobo e e botoka ka a ne lemile diakere di ka nna lesome le boferabobedi tse mo go tsone a boneng dikgetsi di ka nna lekgolo tsa mabele.

A re o goletse mo lelwapeng le go neng go tlotlilwe temo fela thata mme a bona go tshwanela gore a tsweledise ngwao eo le go ruta bana ba gagwe mosola wa go lema.

O tlhalositse fa a rekile motshine o o phothang mabele ka 2010 morago ga go bona gore go adima mo baleming ba bangwe go dira gore a robe morago. A re ba kgona go photha dikgetsi di ka nna masome mararo ka letsatsi. 

O boletse fa a phothela balemi ba bangwe mme ba duela dipula di le masome mararo kgetsi. A re batho ba tla ka dipalo tse di kwa godimo ba batla go phothelwa gonne ba lemogile gore motshine o bofefo.

O tlhalositse fa ba lephata la Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) ba dumalane le balemi ba Tutume gore ba tla ba thusa ka koloi go isa mabele kwa marekisetsong a bone kwa Francistown. A re seo se tla mo thusa gore le ene a nne le sebaka sa go rekisa mangwe a mabele a gagwe ka ditshenyegelo tse di kwa tlase.

Mme Tiro a re le ene jaaka balemi ba bangwe o tla ikwadisetsa dikgaisano tsa ditshupo tsa balemi tse di tla tshwarwang Phukwi a fela kwa Tutume, go supa thobo ya gagwe.

O rotloeditse balemi go ikwadisetsa dipeo le go dirisa dikgakololo tsa balemisi ka go ka ba thusa go bona thobo e e nametsang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 07 Jul 2014