Breaking News

Monana o ipelafatsa ka kgwebo ya matlakala

07 Jul 2014

Rre Dikgakgamatso Khamfore, ke monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bone yo o simolotseng kgwebo ya go phepafatsa mabenkele morago ga go reka teraka ka bontlha bongwe jwa dikatso tsa motsadi wa gagwe tsa go tlogela tiro ka 2009.

A re o simolotse ka go thapa mmereki a le mongwe go mo thusa tiro e a reng o ne a e dira e se ka lorato mme a tlamega ka a ne a tshwanelwa ke go jesa ba lwapa la gagwe.

O boletse gore, “Kgwebo e ne e le boutsana le mmaraka o le kwa tlase, mme le go ntse jalo re ne ra simolola re olela matlakala mo mabenkeleng a mabedi e leng a RJ le Cut Price mo Mahalapye, dituelo di ne di le kwa tlase mme ka lemme le sa bolae, re ne ra itshokela bonyenyane joo.”

Rre Khamfore a re kgwebo e ne ya simolola go gola fa ba ikgapela tiro ya go tsaya matlakala mo go ba Choppies, a supa fa mo nakong eno ba tsaya matlakala mo mabenkeleng a le masome a mabedi , tiro e a tlhalosang fa ba e dira tsatsi le letsatsi.

O tlhalositse gore ba ile ba reka teraka e nngwe ka 2012 gonne tiro e ne e gola. O tsweletse a re ngogola o ne a tsena mo kgwebong ya go rekisa mabokoso le mabotlele e a neng a bona mmaraka wa yone mo go ba Duma Tau mo Gaborone, mme morago a bona mmaraka o o botoka kwa Aferika Borwa mo komponeng ya MPACT.

A re morago ga se, o ne a atolosa madirelo, a batla lefelo le le phuthologileng kwa Flowertown go kgona go bolokela mabotlele le mabokoso teng.

Rre Khamfore o ipelafatsa ka dipoelo tsa go gweba ka matlakala a tlhalosa fa di le bogadi bo gaufi e bile a supa fa a sa latlhegelwe ke sepe ka a tsaya matlakala a mabokoso a a phuthelang mo marekisetsong mahala gonne mo go bone ke  leswe, fa mo go ene e le kgwebo.

A re o kgona go tlamela lelwapa la gagwe ga mmogo le go duela badiri, a bo a kgona le go bolokela isago.

O boletse fa kgwetlho e tona mo kgwebong ele letlhoko la madi a go godisa madirelo, a tlhalosa fa kgwebo e  ka nna tona fela fa ba ka bona madi a go reka metshine e e papaitelang dipampiri, e e thubang mabotlele gammogo le o o kalang.

O tsweletse a re ba lekile go kopa thuso mo lekalaneng la banana mme go retetse, mme mo go tse dintle a bolela fa ba beile tsholofelo ya bone mo go ba CEDA.

A re mathata a mangwe ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa diteraka tse ditona tse di ba isetsang matlakala kwa Aferika Borwa, a tlhalosa gore fa ba ka kgona go reka teraka e tona , ba  ka nna le dipoelo tse di itumedisang le go gaisa.

Rre Khamfore a re maikaelelo a gagwe ke gore mo isagong ba bo ba kgona go tsaya matlakala mo kgaolong yotlhe ya Legare le mo dikoleng tsotlhe tsa Mahalapye.

O bolela fa mo nakong eno a kgonne go thapa banana ba ferabobedi , a tlhalosa fa se, se dirilwe ke gore o lemogile fa banana ba amilwe ke letlhoko la ditiro mme e bile a ikaelela go oketsa babereki fa a ka bona dithuso.

O boletse fa go dira ka matlakala go mo itumedisa ka jaanong ke gone a lemogang fa go sa tsenye dingalo, a tlatsa ka go tlhalosa fa mabokoso le mabotlele ele dithoto tse di motlhofo ka jalo di ka se utlwise koloi botlhoko.

O gwetlhile banana ka ene go ipulela dikgwebo go leka go lwantsha letlhoko la mebereko le go tlhamela ba bangwe ditiro go itsa go ikaega fela ka puso nako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 07 Jul 2014