Police college e a aba
07 Jul 2014
Botswana Police College e na le seabe se segolo mo go tlhabololeng matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Fa a bua mo moletlong wa go abela bana ba dikole tse pedi tse dipotlana tsa motse wa Otse ba le masome a robabobedi paka ya sekole ya mariga, Kgosi Mothusi Tsetse wa motse wa Otse, o tlhalositse fa go nna gaufi le Police College e le tshegofatso mo motseng wa bone ka jaana ba ba thusa le ka gone go dikologa mo maemelong a dikoloi, ka magodu a ba apesitse kobo ka letshoba ka go ba amoga di tsa bone.
O tlhalositse fa mapodisi ba sa itebaganya le borukutlhi fela mme ba tsweletse ka go fetola matshelo a batho jalo a ba kopa go atolosetsa letsogo la bone kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno.
Fa a rola dimpho tseo, mogolwane wa mapodisi kwa Police College, Senior Assistant Commissioner of Police, Goboletswe Dimeku o tlhalositse fa go ba itumedisa go abela setshaba, a tlhalosa fa Batswana e le tshaba ya bakeresete ka jalo ba tshwanetse go rata bangwe ka bone jaaka ba ithata.
O boletse fa Batswana ba tswa kgakala ba thusana ka go abelana mafisa le ka letsema e le sesupo sa lorato le go eleletsa ba bangwe dilo tse di siameng.
O tlhalositse fa bogologolo mapodisi ba ne ba dirisiwa go tshosa batho mme mo nakong eno ba dirisana le batho ka ntlha ya gore borukutlhi bo diragala batho ba bo bona ka jalo go nna motlhofo fa e le bone ba bo begang nako e sale teng.
SACP Dimeku o boletse fa ba ne ba kgobokanyetsa dimpho tse madi ka go dira maitiso le go ntsha mo dipateng tsa bone, morago ga gore ba ikopanye le ba ofisi ya Boipelego go thusana ka megopolo.
Mothusa modulasetilo wa PTA, Rre Reuben Makaka, o lebogetse dimpho tseo fela thata, mme a kopa batsadi go tlhokomela paka eo le go netefatsa gore bana ba apara sentle fa ba ya sekoleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : OTSE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 07 Jul 2014