Breaking News

Ba Nlapkhwane le Masukwane ba galaletsa molemisi

07 Jul 2014

Balemi ba metse ya Nlapkhwane le Masukwane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba galaleditse molemisi wa bone wa pele, Mme Kebaemetse Motemane go bo a ne a ba thusa ka botswapelo.

Fa ba bua kwa letsatsing la go ipelela thobo, le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Nlapkhwane ka bosheng, bontsi jwa balemi ba metse eo, ba tlhalositse fa ba tsweletse ka go bona thobo e e nametsang ka ntlha ya dikgakololo tsa ga Mme Motemane.

Kgosi Mukani Mudongo o buile a sa kgale mathe ka tiro e ntle e e dirilweng ke Mme Motemane, a tlhalosa fa molemisi yoo e le ene a lekileng bojotlhe go tsenya banni ba metse eo lorato lwa temo. 

A re ka jaana Mme Motemane a sa tswa go fudusiwa kwa Kanye, o kopa go thusiwa ka molemisi yo o ka kabang phatlha ya gagwe ka bofefo gore ba kgone go tsweledisa tema e a e segileng.

Balemi ba tlhalositse fa Mme Motemane a ne a sa ipone tsapa, a nna a ba fa dikgakololo tse di amanang le tsa temo le gone go ba rotloetsa go inaakanya le go lema ka ditselana. 

Bontsi bo tlhalositse fa monongwaga ba inaakantse le go lema ka ditselana mme ba supa fa ba itemogetse fa go dira jalo go ntsha maduo a a nametsang fa go tshwantshanngwa le go gasa.

Molemi mongwe wa Masukwane, Mme Lechedzani Tazwidza yo o setseng a phothile thobo ya gagwe, o tlhalositse fa a itemogetse pharologanyo ya go lema ka ditselana  ka jaana a na le dingwaga a gasa mme a sa tswe ka maduo a a kalokalo. 

A re mono ngwaga  o lemile diekere tse tharo ka ditselana mme o dule ka dikgetsi di  le masome a supa le motso.

Mongwe wa balemi ba Nlapkhwane, Rre Shadrack Matebu o rotloeditse batho go tsaya temo ka tlhoafalo ka e le tiro ya sennela ruri. 

A re ba tshwanetse ya re ba sena go lema ba tlogela go bereka Ipelegeng ka nakwana go itebaganya le go tlhokomela temo.

Mme Begani Chiabe wa Masukwane a re o kile a bo a le mohumanegi mme  a inaakanya le temo jalo o na le tsholofelo ya gore ga a kake a wela mo isong temo e le teng ka a e dirisitse go ikapola lehuma.

Fa  a tswa la gagwe, Mme Motemane o boletse fa ele lekgetho la bobedi balemi ba metse eo ba ipelela letsatsi leo mme seo se mmaya pelo ka a lemoga fa peo e a e jadileng mo baleming e sa wela mo mmung o o lekgwarapana, mme a ba gwetlha go tswelela ka mowa wa go tlhoafalela temo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Letsatsi la go ipelela thobo

Date : 07 Jul 2014