Breaking News

Ofisi ya sepodisi kwa Tsau e shele

07 Jul 2014

E rile ka Labone (03/07/2014) bodiredi jwa kgotla ya Tsau bo theogela, jwa felelwa ke mafoko bo fitlhela leru la mosi le apesitse diofisi tsa bone.

Mothusa kgosi, Rre Gaetimelwe Keatlholetswe o tlhaloseditse ba lekana la dikgang la BOPA fa ba fitlhetse ofisi ya ba sepodise e apesitswe ke mosi mme dithoto dingwe mo teng di jelwe ke molelo. 

A re ba ne ba patelesega go theogelela kwa ntle ka jaana segau sa dithoto tse di shweleng se ne se thibile diofisi tsotlhe.

O tsweletse a re ba fitlhetse mabolokelo a difaele tsa bosupi a lorile mme ka lesego dithoto tse dingwe jaaka ditafole le ditilo di ne tsa seka tsa kapa molelo. 

A re ba belaela tiragalo eo e diragetse bosigo jwa Laboraro (02/07/2014) ka go lebega modira molato a ne a batla go nyeletsa bosupi.

Le fa go ntse jalo, Sergeant Ezekiel Keakopa o supile fa ba ne ba tsibosiwa ka tiragalo eo ke mongwe wa lepodise yo o neng a tsile go pega folaga maphakela. A re ba fitlhetse lebati la ofisi le robilwe, difaele tsotlhe tsa bosupi di lorile, a tlatsa ka gore selalome seo go lebega se ne  sa tsaya dilotlele tsotlhe tsa diofisi ka jaana ba fitlhetse di seyo. 

A re ba ne ba begela ba sepodise kwa Sehithwa mme ba latedisa motlhala ka go tlhoka lesego wa felela mo sekonotereng. Sergeant Keakopa o boletse fa ba tshegeditse rre mongwe mabapi le tiragalo eo ka jaana a ne a lebanwe ke go tla go arabela kgang ya bogodu. 

A re ba ne ba itsise rre yoo fa kgang ya gagwe e tla tsena ka Labone mme tiragalo ya nna ka lone letsatsi la tsheko ya gagwe.

Mo go tse dingwe, go bolelwa fa borukutlhi jwa boitshwaro jo bo makgasa jwa banana bo tshwenya thata bogolo jang fa ba sena go itsheela ka ba felela ba lwantshana. 

Kgosi Keatlholetswe o boletse fa borukutlhi jwa leruo bo bonala thata mo merakeng e e gaufi le motse wa Habu. 

Le fa go ntse jalo, kgosi a re go rena kagiso le thokgamo mo motseng, a tlatsa ka gore khiro ya mapodisi a boithaopo e dirile pharologanyo e tona ka seemo sa borukutlhi se wetse tlase fela thata. O lebogetse mananeo a puso, a supa fa a goroga mo motseng le fa a le boutsana. A re lenaneo la LIMID le ntsha tlhogo ka baikopedi ba lone ba le bantsi e bile maduo a bonala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Tiro ya borukutlhi

Date : 07 Jul 2014