Breaking News

Kereke ke yone botshabelo

06 Jul 2014

Banni ba Matobo ba rotloeditswe go tsena kereke ka e le yone tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ga mmogo le go tsena ka puso ya legodimo.

E rile a bua mo phuthegong e e neng e tshwerwe  kwa kgotleng ya Matobo go itsese batho ka dikwalo tse di ranoletsweng mo puong  ya Sekalaka, moanamisa mafoko wa lekgotla la baruti, moruti Godfrey Nfila a kopa banni go tsena kereke gore ba rorise Modimo le badumedi ba bangwe.

A re le fa ntswa  go na le dikereke di le dintsi mo motseng, go santse go na le batho ba ba sa tseneng kereke, a tlhalosa fa kereke e aga motho ka a rutiwa se se siamemg le se se sa siamang mo matlhong a Modimo le mo setshabeng.

O supile fa Modimo o eletsa gore mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go o rorisa le go o obamela le ba bangwe a santse a le mo botshelong.

Moruti o boletse fa go tsena kereke go thusa gore motho a tle a nne le ba ba tlaa mmolokang motlhang a tlhokafalang ka  mo dintshong tse dintsi o fitlhela go sena yo o ka rerang a gomotsa batsadi le masika fa moswi a ne a sa tsene kereke.

Moruti o tlhalositse fa mo baebeleng go na le dikwalo tse dintsi tse di supang fa go tshwanetse ga lebogiwa le go obamela Modimo. O supile fa baruti ba leka fela thata go rotloetsa batho go obamela le go rata Modimo ka go ba rerela kwa kerekeng.

Moruti Nfila o boletse fa go sena ope yo o itseng letsatsi la gagwe la bofelo mo botshelong jalo a ba kopa go sa di ya sebaka mme ba batle kereke e ba ka e tsenang ba baakanyetsa go tla ga Modimo a tla go tsaya bana ba gagwe.

A re o ka itumela thata fa batho ba ka tsena kereke gore e re fa ba lekgotla la baebele la Botswana ba tlisa baebele ya Sekalaka kwa bathong ba fitlhele botlhe ba na le kwa ba obamelang teng, kwa ba tlaa ithutang teng dikwalo tseo le badumedi ba bangwe. 

O boletse fa ba lemogile gore go na le batho bangwe ba ba tlang mo metseng ba itira baruti go tsietsa batho ka go ba tseela madi ba re ba a fodisa gape ba tlaa ba batlela ditiro.

A re morago ga modiro wa go neela batho dikwalo tse di ranotsweng, ba tlaa nna le sebaka sa go tsamaya le metse ba tswala dikereke tsotlhe tse di sa kwadisiwang ka fa molaong le tse di tsenelang ka fa tlase ga ditlhare le mo dinokeng ka di tlogela tikologo e le leswe. Moruti Nfila a re dikereke di ikopanye le lephata la kabo ditsha gore di fiwe lefelo la kobamelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : MATOBO

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 06 Jul 2014