Breaking News

Senai o kgala sepolotiki mo tirong

06 Jul 2014

Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Moatshe Senai, o kopile maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le badirelapuso go emisa go itshunya nko mo mererong ya sepolotiki gonne  go ka baya matshelo a batho bangwe ka fa mosing.

Rre Senai yo o mo loetong lwa kgaolo a patilwe ke molaodi wa Mahalapye, Rre Bakuedi Masole le mokwaledi wa khansele, Rre Motlogelwa Thuso o buile mafoko a mo diphuthegong tse a neng a di kopanetse le dikomiti tse di farologaneng kwa Makwate, Shakwe, Taupye, Kalamare, Mmutlane le Bonwapitse, a bolela fa go dira jalo go ka baka gore go thapiwe ka sepolotiki mo ditirong tsa lenaneo la Ipelegeng ga bo ga kgoreletsa Batswana ba bangwe go akola mananeo a puso a tshwana la nyeletso lehuma le la banana ntswa a diretswe go inola Batswana mo lehumeng.

A re le fa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go tlhopha, ga go  reye gore badirelapuso ba dirise sepolotiki mo ditirong tsa setshaba.

E rile  a akgela, Rre Masole  a kgala a menne phatla badirelapuso ba ba sa tseneng diphuthego tsa dikomiti tsa ditlhabololo ntswa e le bone ba tshwanetseng go thusa ka bogakolodi le go tlhalosetsa baeteledipele ba metse ka ditiro tse di tla a dirwang mo dikgaolwaneng tsa bone.

A re dikomiti tsa ditlhabololo di tshwanetse go nna le tirisano mmogo le dikomiti tsa badirelapuso ka jaana ntleng le tshwaragano ya bone ga gona ditlhabololo dipe tse di ka tswelelang pele.

Rre Masole o kgaletse badirelapuso go tlhoka go duela dikomiti tsa VDC madi a matlo a boroko, mme a kopa batho ba ba neng ba thusitswe ka ditante ka nako ya merwalela go di busetsa  kwa ofising ya ga molaodi.

A re,  e re ntswa ditante tseo di diretswe go thusa Batswana ka dipaka tsa dibetso tsa tlholego, o swabisiwa ke go bona batho bangwe ba ise ba di buse fa bangwe bone ba di dirisa mo ditirong di tshwana le dintsho.

Mokwaledi wa khansele, Rre Thuso ene o kopile maloko a VDC le badiri ba Ipelegeng go bereka ka mashetla go wetsa ditiro tse ba di abetsweng ka nako gore e re palamente e kgaoganya madi a setshaba ba kgone go ikopela ditiro tse dingwe.

 Rre Masole o rile le fa puso e thapile Batswana ka dipalo tse dintsi mo Ipelegeng o kgobisiwa marapo ke dipego tsa gore badiri ba nna ba robetse ka fa tlase ga ditlhare.

Batsena diphuthego tseo ba tlhalositse fa sepolotiki, go tlhoka go tsena diphuthego ga maloko a dikomiti, go adima tshwene marapo ga badiri ba Ipelegeng le go tlhoka go thusa ka bogakolodi ga badirelapuso e le dingwe tse di kgoreletsang ditlhabololo go tswelela pele mo metseng ya bone.

Ba akgoletse modulasetilo wa khansele le lekoko la gagwe go etela metse ya bone go lekodisana ka tsa maphata a bone, mananeo a puso gammogo le go abelana megopolo ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego Tsa Kgotla

Date : 06 Jul 2014