Kgwebo e tlhoka kitso
06 Jul 2014
Kgwebo e tlhoka kitso e e tseneletseng gore e gole e bo e dira dipoelo tse di nametsang.
Motshwarelela molaodi wa kgaolo ya Ngami, Rre Keabetswe Lesiela o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa bontsi jwa banana ba ba ikopelang madi go tsamaisa dikgwebo ba sena kitso e e tletseng ka dikgwebo tse ba tsenang mo go tsone, ka jalo go tshwenya fela thata ka ke gone mo go dirang gore dikopo tsa banana di se ka tsa atlega gore ba fiwe madi go ka itshimololela dikgwebo.
O kgothaditse banana go tsena mo dikgwebong tse ba nang le botsipa jo bo tseneletseng ka tsone mme a supa fa ba lebelela thata gape mmaraka wa dikgwebo tse banana ba tsenang mo go tsone, sengwe se a supileng se le botlhokwa ka se ka paledisa dikgwebo go atlega.
Motshwarelela molaodi o supile fa maikaelelo a puso e le go thusa banana ka madi go tlhama dikgwebo tse di ka ba fang dipoelo le go tlhamela banana ba bangwe ditiro. Rre Lesiela o tlhalositse fa bontsi jwa banana ba tsene thata mo dikgwebong tsa temo-thuo, bojanala ga mmogo le tsa bodiragatsi mme a re ba setse ba thusitse banana ba le masome a le matlhano le boraro.
O tlhalositse fa ofisi ya banana e buletswe monana mongwe le mongwe go tsisa kopo ya gagwe gore a thusiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 06 Jul 2014






