Maubelo o ipelela legwetla
06 Jul 2014
Morafe wa Maubelo o kopilwe go lebogela pula ka seo se ka ba thusa gore ba tle ba ntshe dijo tse di nametsang kwa masimong a bone.
Kgosi Setlhare Lorekang o buile jalo kwa kgotleng ka letsatsi la go lebogela pula le dijo tsa temo bosheng, a bolela fa dipula tse di neng tsa gosomana mo ngwageng oo fetileng di thusitse fela thata ka leuba le ne le tlhakaladitse mo lefatsheng leno bogolo jang kwa kgaolong ya Kgalagadi.
Kgosi o supile fa e le lantlha ba dira moletlo oo ka ba ne ba bona go le matshwanedi gore e re morago ga dipula tseo ba inaakanye le temo e a kaileng fa e ba solegetse molemo fela thata gonne bontsi jwa batho ba kgonne go ntsha dijo tse di nametsang.
Fa a tswa la gagwe, mmakgosi Mme Kebaetse Lorekang a re ene le bomme ba bangwe ba ne ba dumalana gore ba leboge pula le go isa dijo tsa temo kwa kgosing jaaka go ne go dirwa bogologolo.
Mma kgosi , yo gape e leng morutabana o supile fa maikaelelo a bone e le go tswelela ba keteka letsatsi leo ngwaga le ngwaga e le tsela nngwe ya go tsosolosa ngwao ka dijo tsa setso mo motseng oo.
O supile fa mo nakong e e tlang ba tlaa keteka moletlo oo fela fa go simololwa go jewa kwa masimong, a tlatsa ka go kopa baruti le diphuthego le setshaba ka kakaretso go tswelela ba rapelela pula.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso, modulasetilo wa khansele potlana, Rre Sam Brooks o rotloeditse morafe wa Maubelo go tswelela o lema ka seo se ka thusa gore ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng tse ba tlaa kgonang go ijesa gammogo le bana ba bone.
A re fa morafe o tsibogela temo go ka thusa puso ka e tshwere bothata ja go tlhokomela batlhoki. A re puso e leka ka bojotlhe go tokofatsa lephata la temo-thuo gore Batswana ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng. O abetse morafe kgomo e le tsela ya go ba rotloetsa mo moletlong wa ngwaga o o tlang.
Lebutswa pele la motse oo, Mme Sekwena Matebele o rotloeditse bana go ja dijo tsa Setswana ka a re di siametse mebele ya bone go na le tsa segompieno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MAUBELO
Event : Letsatsi La Tebogo
Date : 06 Jul 2014