Ntshole o rotloetsa banana go ititaya ka thupana
06 Jul 2014
Kgosi ya Morwa mo kgaolong ya Kgatleng, Rre Masisi Ntshole a re banana ga ba supe kgatlhego mo mananeong a puso e ba a diretseng.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Ntshole o tlhalositse fa puso e ntshitse mananeo ka go farologana gore banana ba itshetse ka one mme bone ba inaakantse le ditiro tsa botlhoka tsebe fela.
Kgosi Ntshole a re le fa go na le ba ba itekang ka go lema merogo le go rua dikoko, bontsi jwa banana ba inaakantse le nnotagi e e leng yone tshoso e rweleng mo go tlhokeng tsebe ga bone.
Mo go tse dingwe, kgosi o tlhalositse fa ditlhabololo mo motseng wa gagwe di tsamaya sentle ka khansele e ba file madi go baakanya ditsela le kokelo, sebe sa phiri e le kwelo tlase ya itsholelo e e amileng lefatshe leno, e a reng ke yone e emisitseng ditlhabololo tse dingwe.
Kgosi Ntshole a re o tshwenngwa ke kgang e mo go yone baratani ba nnang mmogo ntswa ba sa nyalana, a supa fa batsadi e le bone tshoso e rweleng mo kgannyeng e.
O tsweletse a tlhalosa fa batsadi ba letlelela bana ba bone go dira jalo mme fa go nna bosula ke gone ba gopolang go tla go ikuela kwa bogosing, a tlatsa ka gore dikgang tsa go tshwana le tseo di ba tshwentse fela thata.
A re o lemogile fa bangwe ba batsadi ba sa kgalemele bana ba bone ba lebile go ja, mme a re gone moo go rotloetsa baratani go nna mmogo ba sa nyalana.
Kgosi Ntshole o rile gongwe fa puso e ka sekaseka molao o o itebagantseng le kgang e, motlha mongwe ba tlaa kgona go lwantsha kgang e a tlhalositseng fa e ba latlhisa ngwao ya Setswana. E rile a itebaganya le temo, a supa fa morafe wa gagwe o lemile sebe sa phiri e le batho ba ba sa tlhokomeleng masimo a bone mme seo se tlise kgotlhang fa gare ga barui le balemi.
O ikuetse mo baleming go tlhokomela masimo a bone, a tlhalosa gore go tlhoka go dira jalo go phutlhamisa maiteko a puso a go tokafatsa seemo sa temo mo lefatsheng leno bogolo jang ka puso e phakisa balemi dipeo.
Kgosi a re o tshwenngwa ke morafe ka go tlhoka go tsibogela diphuthego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MORWA
Event : Potsolotso
Date : 06 Jul 2014