Kwadiso e tlhalosa tiriso ya lefatshe
06 Jul 2014
Lekgotla la kabo ditsha la Kgatleng le rotloetsa setshaba mo kgaolong eo go kwadisa ditsha tsa bone ka jaana go ka fokotsa dikgotlhang tsa go lwela lefatshe.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, moanamisa mafoko wa lekgotla leo, Mme Portia Motlhabane a tlhalosa fa thulaganyo ya go kanoka ditsha e tlaa ba thusa go itse palo ya ditsha tse di dirisetswang kgwebo le bonno.
Mme Motlhabane o tlhalositse fa go supa setsha go sa lope sepe fa e se go ntsha bosupi jwa setlankana sa peo ya setsha, Omang yo o mo tirisong, tumalano ya tiriso ya lefatshe leo le mokwalo wa bogosi o o supang fa setsha se beilwe pele ga makgotla a kabo ditsha a tlhomiwa.
O tsweletse a re fa e le mokwalo o o tswang kwa bogosing, o tshwanetse wa nna le maina a basupi ba peo le bo Omang ba bone gammogo le bosupi jo bo ikanetsweng jo bo supang ka fa setsha se beilweng ka teng.
Mme Motlhabane a re mo nakong eno ba kwadisa ditsha kwa kgaolong ya Malolwane le kwa Mochudi mo dikgotleng tsa Makgophana, Mabodisa, Ntshinoge, Phaphane le Raserura.
Le fa go ntse jalo, Mme Motlhabane a re bangwe ba kgaoganya ditsha tsa bone fa ba sena go di abelwa ba sena tetla ya lekgotla la kabo ditsha, mme seo se ba thatafaletsa tiro fa ba kanoka ditsha.
A re kgwetlho e nngwe ke gore ba bangwe ga ba epele mekono fa ba tshwanetseng go e epela teng jalo o rotloeditse batho go epela mekono e e bonalang.
O boletse fa ba sa kwadise ditsha fela, ba dira le ditlhotlhomiso go netefatsa gore a motho o supa setsha sa gagwe sa nnete.
Mme Motlhabane a re fa go fitlhelwa beng ba setsha ba tlhokafetse, bana ba moswi ba kgona go ya go supa setsha seo mme maina a bone botlhe a kwalwa mo pampiring ya ikwadiso, a tlhalosa fa ba losika e le bone ba ba tlhophang yo ba mo fang setsha seo mo baneng bao.
O tsweletse a re ba ba nang le ditsha kwa Mochudi mme ba sa nne teng, ba ka neeletsa batho tsotlhe tse di tlhokegang gore ba ye go ba supela ditsha tseo.
Mme Motlhabane o ikuetse mo setshabeng go ba thusa go supa ditsha tse e leng matlotla gore ba itse gore beng ba tsone ke bomang.
A re ba ikaelela go wetsa thulaganyo ya go kwadisa ditsha kwa Mochudi mo dikgotleng tsa Makgophana, Mabodisa, Ntshinoge, Phaphane, Raserura le Boseja gammogo le kwa Malolwane ngwaga o ya fifing, jalo ba rotloetsa batho ba ba nang le ditsha mo mafelong ao go netefatsa gore ba supa ditsha tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Johane
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 06 Jul 2014