Faith Mission e rotloetsa bonatla mo thutong
06 Jul 2014
E rile bosheng, ba kereke ya Apostolic Faith Mission kwa Lobatse ba abela bana ba sekole se se botlana sa Ipeleng dimpho morago ga gore ba dire sentle mo ditlhatlhobong tsa bone tsa mo gare ga ngwaga.
Fa a bua kwa moletlong oo, mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, Rre Tshiamo Ndebele o akgoletse ba kereke eo go diragatsa maikaelelo a lenaneo la puso la go ikgethela sekole a tlhalosa fa ba tsere boikarabelo jwa go rotloetsa mowa wa go dira ka natla mo baithuting gammogo le barutabana.
O kopile komiti ya batsadi le barutabana go netefatsa gore ba lwa ka sengwe le sengwe go rotloetsa go dira ka natla mo baithuting. O gakolotse baithuti gore tiro ya bone ke go ithuta, a re ba tshwanetse go nna le mananeo a a faphegileng a ba ka a dirisang go ithuta kwa malwapeng, a kgala mesepele ya bosigo a re e ka ba tlela ka dilabe.
E rile a tswa la gagwe, Moruti Tonka Rachabatsotlhe a re ba tsere boikarabelo le botlhe ba ba amegang gore ba thuse bana ba sekole seo mo dithutong tsa bone. Moruti a re ba dira se e le tsela nngwe ya go betlela bana tsela e e faphegileng ya go itse le go boifa Modimo gore ba tle ba kgothatsege go dira ba na le tsibogo gammogo le letswalo mo ditirong tsa bone.
Moruti o gwetlhile botlhe ba ba amegang go ema ka dinao mo dithutong tsa bana, a tlatsa ka gore e le ba kereke ba tlhokomela sekole seo, ba kopana le bana ba ba nang le dikgwetlho, mme keletso ya bone ke go ba fa lorato le thotloetso gore ba tle ba atlege fa ba palelwang teng. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Tuelo Koma ene a re kereke e tshwanetse go dirisiwa go fenya dikgwetlho tsotlhe tsa botshelo le tse di amang thuto tota.
O kgothaditse barutabana go tsaya boikarabelo jwa go bona gore baithuti ba dira ka natla gammogo le mogokgo gore a nosetse mowa wa tomagano magareng ga gagwe le barutabana gore ba ntshe maduo.
Letsatsi la kabo dimpho le ne le ketekwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Go kopanya poifo Modimo le bokgabane jwa thutego, ke konokopno ya go aga ngwana yo o nang le boikarabelo” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Kabo Dimpho
Date : 06 Jul 2014






