Lotlaamoreng o rotloetsa popagano
06 Jul 2014
Kgosikgolo Lotlaamoreng II wa Barolong o rotloeditse Batswana go bopagana gore ba tle ba kgone go tsosolosa ngwao ya lefatshe leno.
O buile jalo kwa moketeng wa letsatsi la go ipelela ngwao la kgaolo potlana ya Mabutsane bosheng le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Ngwao Ya me, Boipelo Jwa me.’
A re e re ntswa Batswana e le batho ba merafe le dingwao tse di farologaneng, go botlhokwa gore ba tswaraganele go tsosolosa dingwao tsa lefatshe la bone.
A re se se ka kgonega fa ba ka simolola go tlotlana e le merafe e e faloganyeng gore kwa phelelong ba bope tshaba e e bopaganeng.
“Re tshwanetse ra amogelana ra ba ra tlotla dingwao tsa ba bangwe mo lefatsheng leno gore re kgone go bopa tshaba e e kopaneng le Batswana ba tle ba ipelafatse ka Botswana jwa bone,” a tlhalosa.
O tsweletse ka go bolelela batho ba kgaolo potlana ya Mabutsane gore tshaba ya Botswana e tshwanetse go tla pele ga bomorafe gore maikaelelo a go tsosolosa ngwao a atlege.
Kgosi Lotlaamoreng II o ne gape a gwetlha banana gore ba tlotle bagolo ka jaana go tlhoka tlotlo go na le seabe se se ntsi mo go nyelelang ga ngwao ya lefatshe leno. A re boeteledipele jwa metse, ebong dikgosi, di tshwanetse go fiwa tlotla e e bo tshwanetseng ka jaana e le jone tshoso-e-rweleng mo serodumong sa ngwao.
Le fa go ntse jalo, o supile fa tlotlo ya go nna jaana e tshwanetse go supiwa ntlha tsotlhe gore tsotlhe di tsamae ka thelelo.
“Tsholofelo ke gore le bone ba fe morafe le bana tlotlo ka jaana Setswana sa re Susu ilela Suswane le ene a tle a go ilele.”
Erile a tlhalosa ka maikaelelo a letsatsi leo, Kgosi Joseph Mantries wa Khakhea a bolela fa go le botlhokwa go tsosolosa ngwao le gone go ruta banana gore e amoganwe mme e seka ya nyelela.
O ne a kopa morafe go tia moko ka go ipelafatsa ka segabone ba lesa go tlotlomatsa dingwao tsa mafatshe a sele fa ya bone e nyelela ka monokela.
A re le fa mekgwa mengwe e e tswang go sele e le mentle, e mengwe ga e a siama ebile e matshosetsi mo ngwaong ya Setswana.
“Ke rotloetsa bagolo le bana gore re ikgate motlhala re bone gore re latlhile tsela fa kae, re bo re busolosa ngwao ya rona re nne motlotlo ka yone le meila ya rona.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MABUTSANE
Event : Ipelelo Ngwao
Date : 06 Jul 2014