Breaking News

Motsamao wa leruo o emisitswe

06 Jul 2014

Lephata la matlhoko a leruo kwa kgaolong potlana ya Okavango, le tlhagisitse barui ba koo go emisa ka nakwana motsamao wa leruo mo kgaolong eo.

Motsamao oo o tlaa emisiwa go fitlhelela dipatlisiso di ntsha maduo a a tlhomamisitsweng tebang le dipelaelo tsa go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo. Seno se builwe ke Dr Leano Sethong mo potsolotsong, gore e ne ya re kgwedi e e fetileng ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le lesome le borobabongwe, morui mongwe wa meraka ya Mohembo botlhaba a ya go begela ba ofisi ya gagwe kwa Shakawe fa dikgomo dingwe tsa gagwe di na le dikai tse a sa di tlhaloganyeng.

A re erile ba tsibogela pego ya gagwe, ba ya go fitlhela dikgomo tsa gagwe tse nne di na le dikai tse go belaesegang e le tsa bolwetse jwa tlhako le molomo, mme ba di tsaya madi go ya go tlhatlhobiwa ba santse ba emetse maduo a one.

Dr Sethong o ikuetse mo baruing ba kgaolo ya Okavango, bogolo jang ya A2 go dirisa methale e e farologanyeng ya go leka go kganela motsamao wa leruo mo kgaolong ya bone go fitlhelela maduo a a sa tswang go tsewa a tla.

A re go ka nna madi mabe fa barui bangwe ba ka seke ba dirisanye sentle le ofisi ya gagwe ka go tlhoka go obamela ditaelo tse ba di filweng go leka go thibela bolwetse joo go anamela kwa dikgaolong tse di mabapi kgotsa kgaolo yotlhe ka kakaretso.

Kgaolo ya A2 e simolola kwa motsaneng wa Samochima mme e felele kwa boseja jo bongwe jwa noka ya Okavango.

E re dikgang di eme jalo, morui mongwe yo o kopileng go sa buiwe maina o kopile ofisi ya matlhoko a leruo go nna podi matseba tebang le barui bangwe ba ba ka nnang ba nna botlhabetsi mo setshabeng ka go gatelela dikgomo tsa bone go di siisa ka jaana seo se ka nna sa baka kanamo ya bolwetse kgaolo ka bophara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mercy Sauzoo

Location : MOHEMBO

Event : Potsolotso

Date : 06 Jul 2014