Breaking News

Bolwetse bo bolaya dikoko kwa Machaneng

06 Jul 2014

Bontsi jwa barui ba dikoko kwa Machaneng mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba setse ba iphotlhere morago ga gore dikoko tsa bone di tlhaselwe ke bolwetse bongwe jo bo iseng bo rurifadiwe.

Mo potsolotsong, mongwe wa barui ba dikoko Mme Kelebogile Thankane o supile fa dikoko tsa gagwe di tsweletse ka go mo latlhegela ka dipalo tse di kwa godimo.

A re dikoko tsa gagwe di simolotse go supa bokoa mo dibekeng tse tharo tse di fetileng mme ya re malatsi a ntse a tsamaya tsa simolola go swa. Mme Thankane a re dikai tse di itshupang fa koko e tlhasetswe ke bolwetse jo di akaretsa go gotlhola, letshololo, go latlhegelwa ke keletso ya dijo, go tlhoka go nna matlhagatlhaga le go latlhegelwa ke nama.

O ne a kaya fa nama ya koko e e bolailweng ke bolwetse jo e sa kgatlhisi ka e fetola mmala e nna ntsho. A re mo leganong le gone e nna bosula fela. Mme Thankane a re mo go botlhoko ke gore bolwetse jo fa bo setse bo tsene mo kokong ga bo alafesege ke ka moo dikoko di swang thata.

O supile gore bolwetse jo ga se lantlha bo tlhasela dikoko tsa bone mme a re bo tla fa ba lebetseng teng.

A re ga a ise a itse se se ka tswang se baka bolwetse jo mme fela o setse a itemogetse gore ke bolwetse jo bo tlang thata ka paka ya mariga. Mo letlhakoreng le lengwe, Mme Mariam Bontshitswe yo le ene a ruileng dikoko o ne a lela sa khuranyo ya meno fa a gopola dikoko tse di mo latlhehegetseng ka ntlha ya bolwetse jo.

A re o ne a thusiwa ka dikoko di le masome a mabedi le botlhano ka lenaneo la LIMID ka kgwedi ya Tlhakole mono ngwaga.

A re mme mo nakong ya gonpieno o setse ka koko e le nngwe fela e le yone e sa mo feng tsholofelo ya gore e tlaa bona botsogo. Mme Bontshitswe a re o ne a solofetse go le gontsi thata mo dikokong tsa gagwe ka di ne di setse di simolotse go tsala.

O boletse gore ba ofisi ya lephata la botsogo ja leruo kwa Machaneng ba ne ba mo rotloetsa go di rekela melemo mme ga seka ga thusa sepe ka di ne tsa nna tsa tswelela ka go swa. Mme Mmanoka Moraedi yo le ene e leng morui yo mongwe, o ne a supa fa ene dikoko tsa gagwe di sa swe ka dipalo tse dintsi.

 A re ene ke motho yo o tshelang ka go siela dikoko tsa gagwe matlhare a a sidilweng a setlhare sa moringa le go di komisa sukiri.

O boletse gore go dira jaana ke leano le a nang nalo fela la go sireletsa dikoko tsa gagwe mo malwetseng a a ka tlhagogang nako nngwe le nngwe. Mme Moraedi a re o latlhegetswe ke dikoko di le pedi fela ka ntlha ya bolwetse jo.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa tatlhegelo e e tsile go ama go ata ga dikoko tsa gagwe. A re dikoko tse pedi tse di suleng ke mekoko e a neng a beile thata mo go yone mo go thuseng go ata ga dikoko tsa gagwe.

O boletse gore go setse tse dinamagadi fela mme o santse a ipotsa gore o tlaa di bonela kae mokoko o o tlaa di kotang gore di ate.

E re dikgang di eme jalo mogolwane go tswa kwa ofising ya lephata la botsogo ja leruo kwa Mahalapye Rre Tichaona Aaron a re ga ba ise ba kgone go dira dipatisiso ka bolwetse jo.

A re mo nakong e khutshwane e e tlang ba tlaa tsaya koko nngwe e e tsenweng ke bolwetse jo go ya go dira ditlhatlhobo. Rre Aaron a re e tlaa re morago ke gone ba itsese setshaba gore bolwetse jo bo tseneng dikoko tsa bone bo bidiwa mang, bo bakiwa ke eng le gore bo ka thibelwa kgotsa ba alafiwa jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MACHANENG

Event : Potsolotso

Date : 06 Jul 2014