Ba ipelela thobo ya monongwaga
03 Jul 2014
E rile bosheng kwa Lotlhakane Botlhaba mo kgaolong ya ga Ngwaketse ga bo go leba yo o sebete mogolokwane o lelela boatleng, go jewa di-tswa masimong go lebogela thobo ya monongwaga.
Fa a bua mo letsatsing la go ipelela thobo le go lebogela dipula tse di namagadi tse di neleng, mongwe wa balemi-barui ba popota ba masimo a matona a MOSISEDI mo kgaolong ya Borwa, Rre Major Mabayane o boletse fa puso e otlolotse letsogo go fa balemi dipeo mahala, go ba lemela, ga mmogo le go ba fa molemo wa diji tota.
Rre Mabayane o rotloeditse balemi-barui ba Lotlhakane botlhaba go dirisa lenaneo la ISPAAD go ntsha dijo tse dintsi, a bo a ba rotloetsa go tsaya malebela mo go bone e le balemi ba kgwebo kwa MOSISEDI ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.
Rre Mabayane o ngongoregile ka lenaneo la Ipelegeng, a bolela fa le siame mme mathata e le gore le itsa batho go lema le go disa masimo a bone morago ga go fiwa dilo mahala. O kopile puso gore ka dipaka tsa temo le thobo, lenaneo leo le emisiwa gore batho ba fiwe sebaka sa go lema.
Le fa go ntse jalo, kgosi wa Lotlhakane Botlhaba, Rre Searobi Searobi, o boletse fa ngwao e setse e nyeletse ka go sa tlotliwe pina ya setshaba gonne bangwe ba tsamayatsamaya fela fa e opelwa.
Kgosi Searobi o boletse fa bangwe ba iteka go lema mme bangwe bone ba lesa leruo lo senyetsa batho mo masimong.
A re puso e senyegelwa thata ke go fa batho dilo mahala mme ba se keletlhoko mo go tsone. Letsatsi le ne le natetshiwa ka meopelo, poko le go ja dijo tsa Setswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Moletlo wa thobo
Date : 03 Jul 2014






