Dikomiti tsa metse di semeletse
03 Jul 2014
Le fa ntswa dikomiti sa ditlhabololo tsa metse di tlwaelesegile thata ka go lela ka dituelo tsa matlo, a go le gantsi a nnang badirela puso, komiti ya Boikago kwa Palapye ya re seo ke dikgang tsa maloba gonne batho ba ba nnang mo matlong a bone ba duela sentle mo go ba kgontshang go dira ditiro tse dingwe.
E rile a bua le bobega dikgang, modulasetilo wa komiti eo, Mme Boingotlo Olebogile a supa fa ba tsene mo tumalanong ya khiriso ka mokwalo o o ba fang tetla go ntsha mohirisi mo tlung fa a sa duele sentle mo sebakeng sa kgwedi.
A re ka madi a matlo ba kgonne go reka ditilo, ditafole, dikotlele tse di tsholelang, matshine o o oketsang dipampiri le laptop, ba bo ba tsenya motlakase kwa kgotleng , metsi, mogala, di tiles le ntlwana ya boitiketso e e dirisang metsi.
Modulasetilo wa extension 5 le 2 , Mme Selebaleng Dintwa ene o tlhalositse fa ba lebogela ditlhabololo tse di mo kgaolong tsa bone , a bo a supa fa ba dirile tshingwana ya merogo ka maikaelelo a go thusa ba ba sa kgoneng, balwetse le ba-na- le-bogole.
O rile ba filwe setsha sa ba-na- le- bogole kwa ext 6 mme ga ba ise ba se tlhabolole ka ga bana madi.
O akgotse ba komiti ya twantsho borukutlhi mo kgaolong ya bone a re e dira ka natla sebe sa phiri ke gore e fekeediwa ke bogodu jo bo ileng magoletsa, majalwa a a seng ka fa molaong le sekgwa se se ba tshabisang go tsamaya ba le nosi ka dinao.
Fa a ba kgwa kgaba, mopalamente Rre Goya o ba akgoletse bophepa ja kgotla ya bone mme ka dikgwa a re di ka fokodiwa fela ka ba tshomarelo ditsa tlholego ga ba rotloetse go rema ditlhare.
Fa a akgela, Mme Goboletswe John o boletse fa di extension di gola thata ka jalo di tlhoka dikole tse dipotlana go fokoletsa bana go tsamaya sekgele se se leele.
O supile fa sekole sa Morwalela se santse se rutela bana kwa ntle ka matlo a borutelo a sa lekane. Banni bone ba ngongoregile ka bogodu jwa leruo le khiro e ba reng ga e a siama ya lenaneo la Ipelegeng.
Fa a araba dilelo tsa bone, mopalamente o supile gore mo lenaneong la ditlhabololo le le yang go wela ka 2031 go bonala dikole di le pedi tse dipotlana le sa bananyana kwa di extension.
A re batsadi ba fudusa bana kwa dikoleng tse dingwe ka jalo go dira gore dingwe di sale di sena ope. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 03 Jul 2014






