Breaking News

Go aba madi a mmele go ka boloka matshelo

03 Jul 2014

Morutuntshi wa tsa botsogo, Mme Goganaone Setutu a re madi a mmele ke karolo e e botlhokwa thata mo botshelong jwa motho mongwe le mongwe.

Mo potsolotsong le ba lekala la dikgang la BOPA , Mme Setutu o tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore Batswana ba itse ka mosola wa go aba madi a mmele ka batho ba le bantsi ba a tlhoka fa ba le mo diemong tse di farologaneng.

O tlhalositse fa diemo tse di tshwanang le tsa dikgobalo tse di bakiwang ke dikotsi tsa dikoloi, nako ya pelegi le maaro a a tshwanang le a pelo, di ka baka gore batho ba latlhegelwe ke madi a mantsi mo mmeleng, selo se a rileng se gapa matshelo a le mantsi.

Mme Setutu o supile fa go na le seemo se gantsi bana ba tsholwang ka madi a a sa siamang mo mmeleng, ka jalo ba tlhoka thuso ya madi a mmele a a ba siametseng gore ba tshele.

O tlhalositse gape fa bangwe ba tshabelelwa ke go tlhoka madi a a lekaneng mo mmeleng, ka jalo ba tlhoka go okelediwa madi a mmele, selo se a tlhalositseng se le botlhokwa thata fa bontsi jwa Batswana ba ka nna le bopelontle jwa go aba madi a mmele.

Mme Setutu o tsweletse ka go supa fa kgwetlho e tona e ba kopanang le yone e le ya batho ba bantsi ba ba dumelang thata mo ngwaong tsa bone, a supa fa batho ba gana go aba madi a mmele ba re ke moila. 

A re ba leka ka bojotlhe go tsaya madi a mmele mo Batswaneng ba ba setseng ba supile kgatlhego mo tirong e, mme a re ba dira jalo fa ba na le malatsi a botsogo jwa badiri le go rotloetsa bontsi jwa ba ba etelang dikokelo go tsaya kalafi.

Morutuntshi yo, o tlhalositse fa ba boloka madi a mmele mo polokelong ya one, ka jalo o rotloetsa Batswana ka kakaretso go aba madi a mmele gore a bolokiwe go dirisiwa mo nakong e ba tla a bong ba a tlhoka.

Mme Setutu o boletse fa jaanong ba na le didirisiwa tse di tlhokegang mo kabong ya madi ao kwa kokelong ya Maun. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAU

Event : Potsolotso

Date : 03 Jul 2014