Breaking News

Dikgaisano di rotloetsa boitshwaro

03 Jul 2014

Dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona di rotloetsa boikanyego le boitshwaro jo bo lolameng.

Se se builwe ke mogolwane wa lephata la metako le ngwao mo kgaolong ya bokone bophirima bosheng. Rre Tshireletso Modikwa a re boitsholo ke jo bo amogelesegang mo go badiragatsi ba ba tsenelelang dikgaisano tse.

A re ba nna ba tshwara dithuto-puisano ngwaga le ngwaga pele ga dikgaisano tse, mme ka tsone ba rotloetsa badiragatsi go ikgapa mo mebeleng le go ikgapa mo tirisong ya nnotagi le diritibatsi.

Rre Modikwa o tsweletse ka go re dithuto- puisano tse di ruta gape le ka kapari ya ditlhopha le tirisano mmogo gore ba kgone go tswelela ba sa kgaogane gape ba nne le boeteledipele jo bo nang le Tebelopele e e siameng.

Tsamaiso e e siameng ya ditlhopha le maitshwaro a a lolameng di tokafaditse thata bodiragatsi mo kgaolong ya bokone Bophirima.

A re kgaolo ya gagwe e dirile sentle ngwaga o fitileng, mme ya tswa mo maemong a boraro, mme a re o solofetse phadisano e e masheta mo makgaolakgang.

Rre Modikwa o tsweletse ka gore dikgaisano tsa mono ngwaga tsa bokone bophirima tse dineng ditshwaretswe mo Maun di tsamaile ka thelelo go sena sekgoreletsi sepe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ame Ketlogetswe

Location : MAUN

Event : Dikgaisano tsa bodiragatsi

Date : 03 Jul 2014