Breaking News

Maphata a tshegeditse tebelopele

03 Jul 2014

Maphata otlhe a puso go tswa kwa toropong ya Lobatse e rile bosheng a tlogela ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi go ya go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Tiro ya letsatsi e ne ya nna go agela bana-le-bogole ba le babedi ba ba dirisang dikolotsana kwa malwapeng a bone bodilo jo bo faphegileng go ba tlhofofaletsa mosepele ka jaana ba tla a kgona go bo dirisa go tswa le go tsena ka bonosi mo matlong.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya lephata la dikago, Rre Micca Sefone o kaile fa maikaelelo a letsatsi e le go diragatsa maitlamo a ofisi ya ga molaodi wa toropo ya Lobatse go bona gore ba thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba direla dilo tsa sennela ruri ka jaana se, e tla a nna sekao sa gore badiri ba kgathala go bona setshaba se ba tshelang mo go sone se tshela botoka.

Fa ba tswa la bone, batlhokomedi ba bana ba ba agetsweng bodilo,  Mme Kedidimetse Mothibi le Selinah Seekelo ba boletse fa go ne gole  thata gore bana ba tswe le go tsena mo ntlong mme ka jalo go pateletsa gore ka nako tsotlhe ba bo  ba na le yo o ka ba thusang.

Ba re bodilo jo, bo tlile go dira tiro ya bana ba  bonolo  go tsena  le go tswa mo ntlong  kwa ntle ga batlhokomedi.

Ba lebogetse tiro e ntle e badiri ba maphata a puso ba e ba diretseng, ba bo ba ba kgothatsa gore ba seka ba ipona tsapa ba tswelele ka mowa wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Tirelo ya kago

Date : 03 Jul 2014