Alone Moranodi wa popota
03 Jul 2014
Puo ya Sesarwa e ya farologana mo mafelong a a kwa Boteti, mme go nale batho ba ba e tlhaloganyang yotlhe.
Mme Balefile Alone, ke moranodi wa puo ya Sesarwa yo o tswang kgakala a dira tiro ya go ranolela morafe wa Basarwa ba ba sa kgoneng go itlhalosa ka puo ya Setswana mo ditshekong tse di farologaneng kwa lekgotleng la ditsheko.
Fa a tlhalosa mo puisanong bosheng, Mme Alone o boletse fa a sale a tshwere tiro e go simolola ka nako ya fa lekgotla la ga mmakaseterata le bulwa kwa Letlhakane.
Le fa gone a sa tlhomamise sentle gore borre ba sepodisi ba boleletswe ke mang gore ke setswerere sa puo ya Sesarwa e bile o ka kgona go thusa go ranolela ba ba sa itseng Setswana, Mme Alone a re o belaela gore ba lomilwe tsebe ke mongwe wa ba a obamang le bone kwa kerekeng ya Jerusalema.
O tsweletse a re borre ba mapodisi ba ne ba tla mo lwapeng la gagwe ba na le bangwe ba morafe wa Sesarwa mme ba sa itse Setswana gotlhelele ka jalo a kopiwa go toloka. “Ofisi yame ke gone mo lwapeng le lame ngwanake, ke bua Sesarwa se se kwa teng, le fa Basarwa ba metse ya bo Khwee, Malatswae, Mmea le Xere ba bua puo e le nngwe mme e farologana fale le fale nna ke kgona go ba ranolela botlhe”, a latlhela.
Le fa ntswa a sa tsena sekole e bile a sa itse go bala le go kwala, o dumela fa a kgona tiro ya gagwe ya go ranolela morafe wa Sesarwa ka botswerere.
Mme Alone a re, “Ga ke a tsena sekole mme fa ke le kwa court o tla re gongwe ke morutegi tota. Tsamaya o ye court nako nngwe o tla sala o gakgametse.”
O boletse gore le ntswa a lebogiwa ka lemmenyana le eseng la sepe jaana mme ene ke mmueledi wa batho.
Mme Alone o supile gore ka nako ya fa a simolola tiro ya boithaopo o ne a lebogiwa ka P50 ka letsatsi mme mo nakong eno a oketsegile go nna P70, a supa fa madi ao a le kwa tlase fela thata.
Mme Alone a re o dira tiro ya gagwe ka lorato, sebe sa phiri ke gore lemmenyana le a lebogiwang ka lone ga le kgone go mo thusa ka go se sepe se a itshetsang ka sone.
O tlhalositse fa a eletsa gore a thapiwe a bo a duelwa kgwedi le kgwedi gore a kgone go tlhabolola botshelo jwa lelwapa la gagwe e seng tiro ya nakwana jaaka go direga mo nakong eno.
Le fa ntswa a ngongoregela dikatso tsa gagwe, o tlhalosa gore o dira tiro ya gagwe ka botswerere ka gore ga a ise a amogela ngongorego go tswa mo go ba ba kopang thuso mo go ene.
Le fa go ntse jalo, Mme Alone o tsweletse a tlhalosa gore o leka ka bojotlhe go dira ditiro tse di farologaneng tsa Setswana jaaka go rulela matlo a bojang le go dila malwapa a batho go itshetsa.
Go tlhoka go tsena sekole, ga go a kgoreletsa Mme Alone go godisa bana ba gagwe ba basimane ba babedi ka yo mongwe ele moletsa phala wa popota wa motshameko wa kgwele ya dinao, fa wa gofejane ene e le motshameka pele wa setlhopha sa Orapa United se se tshamekang mo liking ya Be-Mobile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : LETLHAKANE
Event : Puisano le moranodi
Date : 03 Jul 2014






