Lekgotla la kabo ditsha le tshwenngwa ke bo maipaafela
03 Jul 2014
Lekgotla la kabo ditsha la Sefhare le tshwenyegile thata ka batho ba ba tsweletseng ka go ipaya masimo kwa merakeng le didiba mo mafelong mangwe a a nang le metsi.
Mo potsolotsong le mokwaledi mogolo wa ofisi ya lekgotla la kabo ditsha la Sefhare, Rre Kudzani Butale o boletse fa go ipaya masimo mo merakeng go diragala thata gaufi le metse ya Machaneng le Makwate, fa didiba tsone, ele gaufi le metse ya Machaneng, Moshopha, Shakwe le Ngwapa.
O tsweletse ka go tlhalosa fa seemo se, se ba tlamile go tswa letsholo go leka go se laola se ise se bife thata. Rre Butale a re e ne ya re morago ga letsholo la bone, ba bona go tshwanela gore ba rulaganye bokopano le bangwe ba ba amegang mo ditiragalong tse. A re bangwe ba ba ipeileng didiba ba setse ba kopilwe go di katela.
Rre Butale a re mo kgaolong yotlhe e ba e okametseng, kgang e ke yone fela e e sa ba robatseng ka e bile e le gone e senogang bosheng.
O supile fa dikgang tse dingwe ba tsweletse ka go di tila ka go bereka le bogogi ja metse jaaka dikgosi le balaodi.
Go sale foo, Rre Butale o supile fa a le ‘bete se molangwana ka batho ba ba santseng ba kgona go gana ditsha dingwe tsa bonno ba re di kgakala thata le tsa masika a bone mme selo se se ba ketefaletsa tiro fela thata.
A re fa go sena diphatlha tse di ka thibiwang fa gare ga motse go nna le ditsha tse di segilweng.
Le fa go ntse jalo, Rre Butale o kaile gape fa ba santse ba seegetse dikopo tsa ditsha tsa bonno fa thoko, gonne ba batla go baya ba ba saleng ba ikopetse pele.
O tsweletse a re ba santse ba na le bothata jwa tlhaelo ya lefatshe mo mafelong mangwe jaaka kwa Machaneng.
Mo go tse dingwe, Rre Butale a re mo nakong eno ba tsweletse ka go rekisa ditsha tsa dikgwebo kwa Pilikwe, Machaneng, Ngwapa, Chadibe, Sefhare le Ramokgonami.
A re ba na le dithulaganyo tse ba ba eletsang go reka ditsha tseo ba tshwanetseng go di sala morago mme ikopelo ya theko ya ditsha tseo e tla a emisiwa kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bosupa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 03 Jul 2014






