Breaking News

'Emelang thuto ka dinao'

03 Jul 2014

Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele a re o tshwenngwa ke go wela tlase ga maduo le botlhoka tsebe jwa bana mo dikoleng tsa kgaolo ya gagwe.

Fa a buisa diphuthego kwa Matolwane le Moremi bosheng, Rre Maele a re o ntse a lekola dikole tsa kgaolo ya gagwe mme o fitlhetse maduo a sa kgatlhe gotlhelele. A re boitaolo jwa bana bo a tshwenya mme ja sekole se segolwane sa Moeng  jone, bo ngomola pelo.

O kgothaditse batsadi go tshwaraganela thuto le kgodiso ya bana le barutabana mme a kopa bogogi jwa motse wa Matolwane go etela sekole se se botlana sa koo go rarabolola mathata a sone.

Mo go tse dingwe, Rre Maele a re puso e tla a fa barui molemo go kentela dikgomo tsa bone malwetse a  kwatsi, serotswana le pholotso mme lebotlele le le lengwe le kenta dikgomo di le lekgolo, ka jalo go raya gore ba dikgomo di sa tshwareng lekgolo  ba ikopanye gore ba kopanele molemo gonne  fa o setse ga o kake wa dirisiwa gape.

Rre Maele a re ga a tlhaloganye gore ke eng bogodu  jwa leruo bo le bontsi mo kgaolong,  mme go lebega bo dirwa ke batho ba motse, a re a ba seka ba dira jalo ka botlhe ke masika.  

E rile fa a itebaganya le ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa, Rre Maele a bolela fa tsela ya Martinsdrift/ Sefophe  e tla a dirwa mo ngwageng ono wa madi. Ka poso ya Matolwane gone a re ba poso ba laolwa ke batho ba ba supang kgatlhego ya go nna le mabokoso a poso mme ba tshwanetse go nna lesome go ya kwa go lesome le botlhano.   

Fa a araba kgang ya lebelo la dikoloi mo motseng wa Moremi , mokhanselara wa Matolwane , Rre Opelo Modimowaitse o tlhalositse fa a kopane le ba ditsela mme ba solofeditse go tla go dira difokotsa mabelo mo motseng.  

Banni bone ba ngongoregetse go tlisiwa ga didirisiwa tsa lenaneno la  lpelegeng morago mo go dirileng gore ba seka ba kgona go dira ditiro tse ba neng ba di file di akaretsa go baakanya sekole se sebotlana le matlwana a boitiketso  kwa kgotleng ya  Moremi  mme mokhanselera o solofeditse fa  a tla a latedisa kgang eo.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Jul 2014