Maitseo namane ya moroba
03 Jul 2014
Ditlhopha tsa moopelo wa dinnoto le tsa metlae di kopilwe go nna le maitseo mo go bangwe ka bone.
Fa a bua kwa dikgaisanong tseo bosheng, sebui sa tlotla sa letsatsi leo, mothusa molaodi wa Kgalagadi, Mme Peggy Kutlase o lebogetse Tautona go bo a simolodisitse dikgaisano tseo ka e ne e le go tsosolosa ngwao e e neng e nyelela gammogo le go epolola botswerere jwa bodiragatsi.
O kgothaditse ditlhopha go nna le lorato, tshwaragano le tirisanommogo ka seo se ka thusa thata mo go goleng ga ditlhopha sa ba sa thusa go tlhabolola le go godisa ditlhopha.
O kgadile ditlhopha tse di senyang didirisiwa tsa puso fa ba filwe maroko mo mafelong a puso, a supa fa go dira jalo e le go tlhoka boikarabelo mme seo se tlaa felela se tlama lephata gore badiragatsi ba ipatlele dijo, maroko le dipalamo.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso, Rre Oarabile Bafitlhile go tswa kwa lekgotleng la Botswana Choral Music Association, o gakolotse ditlhopha go ikokoanyetsa madi ka go dira maitiso ka seo se ka ba thusa gore ba gole le gone go ipapatsa le go itshupa mo setshabeng.
Moatlhodi wa moopelo, Rre Seabe Raditladi o kgothaditse ditlhopha go dira ka natla le botswerere mo go ntsheng mantswe, go a nyalana le gone go a betla sentle ka seo se ka ba thusa go fenya kwa legatong la bofelo mme a akgolela ditlhopha go bo tsotlhe di kgonne go ranola setlhogo sa letsatsi leo.
Setlhopha sa moopelo wa dinnoto sa Camel Choir sa Tsabong se ne sa ikgapela maemo a ntlha, sa longwa serota ke sa Letlapa go tswa Kuke mme sa latelwa ke sa Hukuntsi.
Mo metlaeng, Odirile Karabo Brooks wa Logaganeng o ne a feta ka tse ditsididi a letelwa ke Tshoganetso Bojang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Dikgaisano tsa moopelo
Date : 03 Jul 2014






