Makhanselara a Kgatleng a batla morero
02 Jul 2014
Makhanselara a kgaolo ya Kgatleng a boletse fa a ise a itsisiwe fa sekolo sa ithutelo booki (IHS) kwa kgaolong eo se fudusediwa kwa Gaborone.
Ba buile mafoko ao mo bokopanong jwa khansele ba tlhalosa fa ba sa rerisiwa gore ke eng sekolo seo se ntshitshwe mo Mochudi.
Makhanselara a ne a kopa modulasetilo wa khansele eo go kopa ba botsogo go tla go ba tlhalosetsa ka botlalo gore go diragetseng eng ka sekolo seo se ba tlhalositseng fa se setse se fuduseditswe kwa Gaborone.
Mo go tse dingwe, ba ne ba leboga modulasetilo ka pego ya gagwe le fa gone ba ne ba supa fa e ne e na le diphoso. Ba ne ba mo kopa go nna a sekaseka pego pele a e bega mo bokopanong jwa bone.
Makhanselara ba ne ba supa matshwenyego ka madi a abetsweng go dira dikganedi tsa lobelo mo Mochudi, ba tlhalosa fa a le mantsi, e bile ba supa fa a ne a ka dirisiwa mo go baakanyeng ditsela tse ba tlhalositseng fa di se mo seemong se se itumedisang.
Ba boile ba supa gape matshwenyego tebang le dituelo tsa metsi, tse ba tlhalositseng fa batho mo metseng ya bone ka go farologana ba sa di bone.
Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa Oliphant’s Drift/Ramotlabaki, Rre Letsebe Letsebe, e ne o ne a supa fa metsi a kgaolo ya gagwe a le letswai a tlatsa ka gore banni ba metse eo ba gelela metsi kwa nokeng, ka a sediba a ba tsenya bolwetsi jwa letshoroma.
O ne gape a supa gore nako e ba neng ba sa ntse ba nosiwa metsi ke khansele, a ne a siame le setshaba se ne se se na dingongorego jaaka gompieno go sena go tsaya kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation. Rre Letsebe o ne a kopa modulasetilo go tsibogela kgang ya metsi a letswai kwa kgaolong ya gagwe.
Rre Basimanekhumo Hule, mokhanselara wa Modipane –Dikwididi ene o ne a supa matshwenyego ka ofisi ya omang, a tlhalosa fa batho ka bontsi ba sa kgona go ikwadisetsa ditlhopho ka ntlha ya gore dikarata tsa bone tsa omang di ne di ise di nne teng.
O ne a lebogela lenaneo la ipelegeng a re ba kgonne go dira dilo tse dingwe jaaka go baakanya sekole sa Modipane, a kaya fa seo e le maiteko a mantle fela thata.
Mokhanselara wa Bokaa, Rre Gerald Bodika, o ne a supa fa pego ya ga modulasetilo e sa ama dikgang tsa thuto thata, a tlatsa ka gore go na le bana ba ba mo kgaolong ya bone ba ba tsenang kwa sekoleng sa Kagiso kwa Ramotswa, ba a tlhalositseng fa ba tsere nako e telele ba sa tsene sekole.
A re kgang eo e tshwanetse ya emelwa ka dinao, a tlhalosa fa go tlhoka go e emela ka dinao go ka ama dithuto tsa bana fela thata. O ne gape a supa matshwenyego ka dipone tse di mo mekgwatlheng a tlhalosa fa di sa bolo go begwa fa di sa bereke mme nako kgolo ke eno.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa khansele eo, Rre Tona Mooketsi, o ne a kopa maitshwarelo ka pego ya gagwe e a kaileng fa e ne e na le diphoso mme a supa fa seo se bakiwa ke gore maphata a tsisa pego tsa bone thari mme ka jalo a tlhoke nako e kalo go di keleka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Jul 2014






