Breaking News

Metsi a tlaa tsenngwa kwa Extension 6 le 7

02 Jul 2014

Mopalamente wa Palapy,e Rre Moiseraela Goya o fokoditse selelo sa baagi ba Extension 6 le 7 kwa Palapye, sa metsi, a kaya fa ba tla tsenyediwa metsi mo bogaufing.

E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Extention 7 bosheng, a ba itsise fa madi a go gokela metsi mo ditsheng tsa bone a ntshitswe maloba ka nako ya kabo ya madi. O boleletse banni fa ba lephata la metsi ba setse ba le malala a laotswe go ka simolola tiro ya go gopa fa dipompo di tla fetang teng. 

Rre Goya o ne a leboga bogosi go bo bo setse bo file kgosi wa kgotla eo marapo a go ka simolola go dirisa kgotla ya bone ya Ext 7, a re ke tiro e molemo, ka go fokoletsa morafe o mosepele wa go latela kgosi kgakala fa tlhokana le thuso.

Le fa go ntse jalo, o ne a kopa borre ba kgaolwana eo go ema ka dinao go agelela kgotla ka mapako, mme a kopa ba komiti ya ditlhabololo go okomela sekgwama sa bone go bona gore ba aga leobo la kgotla eo, gore morafe o seka wa bolawa ke diphefo ka nako ya go le kwa kgotleng.

O ne gape a kopa gore banni ba ntshe leruo le le gobeyang mo motseng, mme ba le ise kwa merakeng, a tlhalosa fa ele molato go bo leruo le saila mo motseng.

Rre Goya o ne a tlanyatlanyetsa batsena phuthego ka dikgang tsa palamente, tse ngwe ya tsone a supileng fa go filwe maemelo a dibese mo Palapye madi a kana ka P25 million, mme a re tsholofelo ke gore a tla wediwa ka kgwedi ya Phatwe monongwaga.

Motlotlegi a re puso e tla tswelela e iteka ka go tsaya batho tema mo go lemeng, fela fa ba ka lema ka ditselana. Ogomoditse Ralegoreng o ne a ikuela mo go mopalamente a re ba beilwe ditsha mo mogobeng jaanong fa ba aga matlo a phatloga.

Go tsibogeleng kgang e, Rre Goya o tlhalositse fa a tla fetisetsa ngongora eo kwa go b aba lebang, a tlhalosa f aka tshwanelo, ba lekgotla la kabo ditsha ba tshwanetse go dira ditshekatsheko mo lefelong pele ba ka aba lefatshe. 

Tebang le ngongora e e neng ya tswa, ya gore go ka tswa go na le boferefere jo bo dirwang fa go thapiwa badiri mo Ipelegeng, o ba kopile go dirisa khupelekhupele go hema dintwa. 

Mothusa kgosi wa Palapye, Kgosi Klass Motshidisi e ne o supile fa badirela puso ba sa ba rerisi ka ditlhabololo tsa motse wa Palapye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Jul 2014