Masisi o rola Kwerepe kwa Ngami
02 Jul 2014
Puso e e eteletsweng pele ke phathi ya Domkrag e ikaelela gore fa nako e ntse e tsamaya e oketse palo ya theko ya dikgomo mo kgaolong ya Ngami le gone go atolosa matlhabelo a dikgomo fa setshaba se ka tswelela se e tlhopha.
Se se builwe ke mopalamente wa Moshupa wa phathi eo ebile e le motshwarelela Tona ya Thuto Rre Mokgweetsi Masisi kwa tholong semmuso ya ntlhopheng yo o emetseng bopalamente wa Ngami Rre Thato Kwerepe ka Matlhatso.
Rre Masisi a re maikaelelo a mangwe ke gone go bona gore ba leka tsotlhe tsa go ka bona gore a matlhabelo a dikgomo a a kwaMaun, a dira thulaganyo ya gore a go ka kgonagala gore nama e e silwe, e tsenngwe mo dithining le go rekisiwa, e le gone go leka go thusa banni ba Ngami ka e le balemi barui.
O tlhalositse gape gore o itemogetse gore kgaolo ya Ngami e wetswe ke leuba mme e le puso e busang, ba leka ka bojotlhe go ntsha mananeo a a nyeletsang lehuma.
Rre Masisi o buile gore e le puso, ba eletsa gore kgaolo ya Ngami e tlhabologe, ka jalo go botlhokwa gore fa ba tlhopha ba tlhophe kemedi e tshwanang le Rre Kwerepe.
O file sekai sa gore dingwaga tse tharo tse di fitileng mo kabong ya madi, kgaolo e ntse e neelwa madi a kana ka P2 million ngwaga le ngwaga e le go leka go nyeletsa lehuma, mme o tlhalositse gore phathi e e busang, e tshwana le leru le sireletsa mo letsatsing.
A re phathi e e busang e beile matshelo a babereki ko pele ka e rile mo bosheng ba ba okeletsa madi, e le sesupo sa gore le fa itsholelo e santse e le ko tlase, ba kgonne go ba akanyetsa.
O tlhalositse gore bone ke puso e kgathalang ka tlhokomelo ya masiela, difofu. bana le bogole ka mananeo a nyeletso lehuma a le teng.
Rre Masisi o tlhalositse gore maitlamo a bone e le phathi e busang ke go akanyetsa Motswana le pele a tsholwa.
O tlhalositse gape gore fa phathi e busang e ka tswelelwa e tlhophiwa, ba tla dira lenaneo la gore go jewe tse di lemiwang mo kgaolong.
Rre Masisi o file sekai sa gore ba ka reka maphutshe, mme ga nna le ditshilo tse di silang le one mmidi, e le go thusa go atswa batho ba sa latlhe le ngwao ya se ba sejang mo kgaolong.
E rile a tswa la gagwe, Rre Kwerepe, yo o tlaabong a phadisanya le wa phathi ya Kganetso ya Botswana Congress, Rre Taolo Habano, o tlhalositse gore puso ya domkrag e tlhabolotse lefatshe mo mongwe le mongwe a iponnang ka matlho.
O supile gore phathi e na le maitlamo le mananeo a go itse gore ba direla setshaba eng mme o supile gore phathi e busang e tswa kgakala e lwela ditshwanelo tsa batho mme go le botlhokwa gore setshaba se mo tlhophe se mo ise palamenteng.
Rre Kwerepe o kgadile diphathi tsa kganetso a re bone e le phathi e busang ba somarela bojanala fela thata mme ga ba bone go le botlhokwa gore lekadiba la Ngami le agelelwe.
O supile gore phathi e e busang e tseela thuto kwa godimo ka e le mongwe yo o rutwileng ke phathi e, mme gape a kgona le gone go ruta bana ba sekolo.
Rre Kwerepe o tshwaetse gore phathi e busang ya Domkraga e kgathala thata ka banana mme ba tlaa tswelela ba ba tlhokomela ka e le bone isago ya lefatshe la Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 02 Jul 2014






