Breaking News

Mogoko o kopa go thusiwa baithuti

02 Jul 2014

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng kwa kgaolong ya Tswapong, Rre Abram Thapedi o kopile batsadi ba motse wa Mokokwana go tshwaragana le bogogi jwa sekole sa gagwe mo go kgalemeleng bana ba sekole seo.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele bosheng, Rre Thapedi o boletse fa bana ba sekole ba dule mo taolong ntateng ya go sa tshwaraganang ga batsadi le barutabana mo thutong ya bana. 

O boletse fa batsadi ba le maoto a tshupa go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana, a supa fa mo bosheng batsadi ba le 167 ba ne ba tsenelela phuthego ya batsadi le barutabana mme palo ya baithuti e le 1256.

A re maduo a sekole sa gagwe ga a kgatlhise mme a tlhoka tshwaragano ya bana-le-seabe botlhe. 

A re bontsi jwa bana ga ba dire sentle mo ditlhatlhobong tsa bone ntswa e le bana ba ba neng ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro mme seo se a swabisa.

 A re mo setlheng se se fetileng bana ba le 30 ba ne ba dira sentle mo ditlhatlhobong tsa bone mme palo eo e ne e le kwa tlase fela thata ka sekole seo se ne se amogetse bana ba ba neng ba dirile sentle ba fetile palo eo go menagane. 

A re bogogi jwa sekole bo tla a nna le dipuisanyo le batsadi ba bana ba ba neng ba dirile sentle mo lekwalong la boraro go bona gore go ka tswelelwa pele jang

O boletse fa bana ba sekole sa gagwe bangwe ba kgona go ngwega mo sekoleng mme ba tsene mo motseng wa Mokokwana go reka ditagi le bojalwa ka go gaufi le sekole, fa bangwe bone ba felela ba tsena mo ditirong tsa borukutlhi jaaka go utswela ba bangwe madi ba bo ba ya go reka ka one gone kwa motseng oo.

Rre Thapedi a re mo ngwageng o o fetileng go ne ga tshwarwa bana bangwe ba sekole sa gagwe ba sena go utswa didirisiwa tsa motlakase tse di ka tshwarang P5000.00 kwa lefelong la mabeelo mme ba di rekisa kwa motseng wa Mokokwana. 

A re motlhala wa dilwana tseo o ne wa isa ditlhotlhomiso gone kwa motseng oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Jul 2014